Kgetsi ya petelelo le polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

5 Phatwe 2025- Kgetsi ya petelelo le polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 26, Ogorogile John Motsoathebe, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Ganyesa go fitlha kgwedi ya Phatwe e tlhola matsatsi a le 28. Go begwa fa Motsoathebe a beteletse le go bolaya mosetsanyana wa dingwaga di le 6, Bokao Gaseimelwe kwa motseng wa Tseoge, gaufi le Ganyesa ka di 28 Phukwi 2025.

Go begwa Gaseimelwe a ne a tsamaya le mmagwe ka Lamatlhatso fa sejanaga se ba neng ba se palame se ne se ema kwa ntlung e rekisang nnotagi ya Hlokoloza.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene. Mokgwabone are tiragalo e ke ya bosigo jwa 28 Phukwi 2025.

 “Se, se bontsha fa go nnile le itlhokomoloso ya ngwana, mme sepodisi se tlile go samagana le kgetsi eo. Re ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogo, mme mmelaelwa ene o tshwerwe ka Labobedi.

“O lebagane le tatofatso ya petelelo le polao. O tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la maabane. Dipatlisiso mo kgetsing e, di a tswelela,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Setopo sa ga Gaseimelwe se seneng se sa apara ka bontlhabongwe, se bonwe kwa ntlwana boithusetso mo letsatsing le le latelang.

taungdailynews@gmail.com