Sepodisi se ikuela go barui go tshwaya diruiwa tsa bone 


Ka OBAKENG MAJE 

Beng ba diruiwa ba rotloediwa go netefatsa fa magora le dikgoro tsa lesaka le ba bayang diruiwa tsa bone mo go lone le le mo maemong a siameng go sireletsa leruo la bona. Sepodisi sa Taung se ne se tsweletse ka motsele-tsele wa go ruta beng ba diruiwa go ka ditlhokomela jang le go efoga gore di utswiwe. 

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen o kaile fa go le botlhokwa go thapa motlhokomedi yo o katisitsweng sentle go tlhokomela legora leo letsatsi le letsatsi. Van Rooyen are barui ba netefatsa fa mothapiwa o, a kaba diphatlha tse di leng teng mo legoreng leo le kwa tlase ga lona ka gangwe. 

“Lekola kgotsa o tlhatlhobe dipaakanyo tseno ka bo wena go netefatsa fa tsotlhe di siame. Megotlha ya masaka kana ya dipolasa tse di se nang batlhokomedi, e tshwanetse go nna e notletswe kgotsa e thibilwe ka dinako tsotlhe. Fa o batla go reka polasa ya tlaleletso, gakologelwa gore beng ba polasa ba ba sa duleng mo dipolaseng tsa bona ga ba ungwelwe. 

“Bogolo leka go reka gaufi le fa o nnang teng. Netefatsa gore ga go diphologolo dipe tsa matimela tse di fitlhiwang mo dikagong tsa gago. Masaka a na le go dirisiwa jaaka mafelo-thibelelo a go fitlha diphologolo tsa matimela. Fa go na le diphologolo tsa matimela begela mapodisi ka gangwe,” van Rooyen wa tlhalosa. 

Van Rooyen are diiruiwa di tshwanetse go balwa ke mong ka boena, bonnye gangwe mo bekeng. Are fa batlhokomedi kgotsa badisa ba na le diruiwa tsa bona mo lesakeng la gagwe, go di tlhakanya le go di fudisa mmogo ke tsela e e siameng ya go thibela bogodu jwa diruiwa, (segolo fa bathapiwa e le bona ba belaelwa). 

“Batho ba latlhegelwa ke dikgetse tse dintsi kwa kgotlhatshekelo ka ntlha ya dingangisano mabapi le diruiwa tse di sa tshwaiwang sentle. Fa phologolo e tshwailwe ka letshwao le le kwadisitsweng kgotsa thathuu/e tlantswe letshwao, dingangisano di tlaa efogiwa. Bathapiwa ba tshwanetse go tshwaya diruiwa tsa bona sentle, go latela molao wa 2002, wa go tshwaiwa ga diruiwa (Molao 6 wa 2002), segolobogolo ka go di baya letshwao. 

“Tlhokomela thata fa ngwedi e feletse, go le lesedi, mafelo a beke, mafelo a kgwedi kgotsa kwa tshimologong ya kgwedi mo magareng a dinako tse, go itemogelwa go utswiwa ga leruo thata (go tlhabiwa go jewa kgotsa apewa) go go diragalang thata. Begela sepodisi kgotsa baagisani ka gangwe ka ga diruiwa tse o sa di itseng mo gare ga diruiwa tsa gago,” van Rooyen wa tlhalosa.  

taungdailynews@gmail.com