
Ka OBAKENG MAJE
Batlhankedi go tswa kwa Lefapheng la Matlo le Tsamaiso ya Puso mono Bokone Bophirima, ba tlhotse ba tsenetse kopano le council ya masepala o mogolwane wa Taung kwa Depot Hall mono Taung. Seno se tla morago ga gore lefapha le tsenye masepala mo tlase ga Section 139 (1)(a) ngwaga o fetileng.
Tlhogo ya Lefapha kwa Lefapheng, Dr Ben Bole are go fitlha ga jaana ba itumeletse pegelo ya masepala morago ga gore ba o neele ditaelo tsa go ka tokafatsa seemo. Bole are mo nakong e fetileng, khuduthamaga-tsamaiso (EXCO), e ile ya tsenya masepala mo tlase ga Section 139 (1)(a) morago ga go itemogela mathata.
“Jaanong re ne re tlile go neelana ka pegelo. Fela, go mo maruding a EXCO go ka tsaya tshwetso ya go ntsha masepala mo tlase ka Section 139 (1)(a) kgotsa jang. Jaaka ke buile, mokhuduthamaga o tla tsaya pegelo le go e neela EXCO go ka tsaya tshwetso.
“Lefapha la rona le tla neela tona-kgolo pegelo gore a e seka-seke pele ga a tsaya tshwetso,” Bole wa tlhalosa.
Motsamisi wa masepala o mogolwane wa Taung, Andrew Makuapane are ba amogela pegelo ya lefapha. Makuapane are ba tlile go netefatsa fa masepala o tokafatsa seemo sa one, thata jang seemo sa ditshelete.
“Morago ga gore re neelwe taelo ya go ka tokafatsa seemo sa masepala, bontsi jwa dilo tseo re ile ra di fitlhelela pele ga nako. Fela, se eleng tlhoba-boroko ke go tokafatsa tsamaiso ya ditshelete mo masepaleng. Gona le dipolisi tsa rona tse re setseng re di lekotse jaaka go tsaya ka sekoloto (credit control), ga mmogo le lekala la rona la Supply Chain Management.
“Re lekile ka bojotlhe gore go nne le teka-tekano mo go yone, mme gape e unngwele bo mme. Re dirile ka bojotlhe go efoga go senya madi mo dilong tse di seng botlhokwa. Re tlile go netefatsa thata fa baagi ba bona ditirelo.”
Molekgotlha wa lekoko la sepolotiki la Patriotic Alliance (PA), Mmoni Letele are le fa ba amogela tshwetso ya lefapha, bone jaaka council kwa masepaleng, ga ese ba tsamaye ba bolelelwe gore masepala o tsenngwa mo tlase ga Section 139 (1)(a).
“Ke gopola gore fa e sale re emetse pegelo (report) go tswa kwa go mokhuduthamaga wa maloba wa lefapha, Nono Maloyi. Fela, le go fitlha ga jaana, ga ese re e bone. Jaanong, fa lefapha le tlhalosa gore go nnile le tokafalo kwa masepaleng, ga re itse gore le bua ka eng.
“Fela re itumelela gore lefapha le atlenegesitse dikuno (upper limits) tsa council. Re bogologolo re di emetse, mme go tla ga bone go re thusitse,” Letele wa tlhalosa.
Kgabagare, molekgotlha wa lekoko la sepolotiki la F4SD, Mika Moeti wa tlhalosa: “Re ne re filwe ditaelo di le thataro gore re di tokafatse. Mme masepala o dirile fela jalo, ebile re itumetse thata. Se ke se tlhaloganyang ke gore, masepala one o setse o beetse thoko madi a di upper limits.
“Ntlha enngwe ke ya balekgotlha ba ba sa tseneleng di kopano tsa council. Balekgotlha ba, ba tshwanetse go tseelwe dikgato, gonne re tsentswe mo tlase ga Section 139 (1)(a) ka ntlheng ya ditiro tsa bone.”