
Ka OBAKENG MAJE
10 Phukwi 2025- Batho ba le batlhano ba tlhokafetse mo tsela-kgolo ya N18 magareng ga Taung le Hartswater mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa sejanaga sa Ford Raptor se se pududu ka mmala, mme go begwa fa se ne se lelekisiwa ke sepodisi morago ga dipego tsa gore se utswitswe, se ile sa thulana le van ka dinko.
Go begwa fa batho ba le bararo ba ba neng ba palame van, ba ile ba tlhokafala fa banna ba le babedi ba ba neng ba palame Ford Raptor le bone ba ile ba tlhokafala. Kgang e, e setse e tswelela, mme sepodisi ga ise se neelane ka pegelo e feletseng.