
Ka OBAKENG MAJE
9 Sedimonthole 2024- Bapagami ba ba magareng ga dingwaga di le 25 le 45, ba tlogetswe ka dikgobalo. Se, setla morago ga gore sejanaga se ba neng ba se palame, se thulane le sejanaga se seneng se ikemetse sa modiro wa bakkie kwa tseleng ya R375 magareng ga motseng wa Morokweng le Vosterhoop, gaufi le Ganyesa ka Lamatlhatso.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen are, go begwa fa tekesi e ile ya tsenelela le go kgoreletsa sejanaga sa modiro wa Isuzu.
‘Go begwa fa mokgweetsi wa Isuzu a ile a leka go efoga go thulana le tekesi eo, mme ka maswabi, o ile a thulana le sejanaga se sengwe se seneng se ikemetse fela sa modiro wa bakkie.
“Bagobadi ba ile ba rwalelwa kwa kliniking ya selegae ka dikgobalo tse di masisi. Go fitlha ga jaana, go butswe kgetsi ya go kgweetsa botlhatswa, mme dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.