Ditopo di le tharo di utswitswe kwa mmoshareng


Ka OBAKENG MAJE

18 Mopitlwe 2025- Sepodisi kwa porofenseng ya Northern Cape se boloditse dipatlisiso morago ga go utswiwa ga ditopo kwa mmoshareng wa poraevete kwa Kuruman. Go begwa fa ka masa a di 17 Mopitlwe 2025, banna ba le babedi ba ba sa itsiweng, ba ile ba kgorogela motlhankela wa tshireletso kwa mmoshareng o, mme ba mo teketa pele ga ba ka mo bofa sefatlego.    

Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa Northern Cape, Lieutenant Colonel Sergio Kock, magodu ao, a ile a utswa ditopo di le tharo eleng tsa banna ba le babedi le sa lesea la mosetsanyana. Kock are ba ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetse ka ga tiragalo e, go ka letsetsa mmatlisisi mo kgetsing e, Lieutenant Colonel Doggy Magugu mo go 0824690578 kgotsa a letsetsa dimomoro tsa sepodisi tsa 08600 10111.

“Kgotsa ba ka dirisa MySAPS app go ka neelana ka tshedimosetso. Tsedimosetso e tla tsewa jaaka ya sephira, mme dipatlisiso di tsweletse,” Kock wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com