Baagi ba Taung ba gwantetse kwa Magalies Water ka ntlheng ya tlhokego ya metsi


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba Taung ba ba ipitsang Tlhokego Ya Metsi Concerned Group go tswa kwa metseng e fatologaneng go ralala Taung, bane ba gwantetse kwa setheong se se rebolang metsi sa Magalies Water kwa Veertien, gaufi le Taung. Baagi ba, ba kaile fa ba tlile go dira jalo letsatsi le letsatsi go fitlhela dingongorego tsa bone di sekegelwa tsebe.

Baagi ba, ba re metsi ke tlhoba-boroko kwa metseng ya bone. Mokwaledi wa mokgatlho wa Tlhokego Ya Metsi Concerned Group, Phemelo Phitshwane are, mo letsatsing la maabane, ba ne boloditse mogwanto, gonne ga go ope o ba sekegelang tsebe mo boikuelong jwa bone jwa go bona metsi a phepha, ebile a nwega. 

“Re tlile go tswelela fela jalo ka mogwanto wa rona letsatsi le letsatsi, mme re tlile go gwantela kwa dikantorong tsa Magalies Water. Re letse re sa kgona go neelana ka lekwalo la rona la dingongorego (Memorandum), gonne majoro-khuduthamaga wa rona wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje one a seo. 

“Jaanong, re ne re batla gore lekwalo la rona la dingongorego le amogelwe ke ene. Fela, re bone molekgotlha, Pico Seepamere e nna ene a tlileng go le amogela mo legatong la ga Maje. Rena le dingwaga-ngwaga re lela ka tlhokego ya metsi, mme ga go ope fela o tsibogang,” Phitswane wa tlhalosa. 

Kgabagare, Seepamere are ba tlhaloganya matsapa a baagi ba a itemogelang mabapi le tlhokego ya metsi. Fela Seepamere are, ba tshwanetse go tla ka toga-maano ya go rarabolola bothata jo. 

“Ga gona setlankana sa boipelaetso se se neng se le teng. Fa gone go ntse jalo, baagi ba tla be ba se re reboletse. Le molekgotlha, Itumeleng Maribe, one a ile go ya go se amogela, fela baagi ga ba se mo naya. Se re se boneng ke go bona baagi ba ba neng ba sa bue sepe ka ntlha tlhokego ya metsi. 

“Ebile, ba feleleditse ele karolo ya mogwanto wa ba kgweetsi ba ditekesi. Selo sa mogwanto ene ese gore ga gona metsi. Fela jaaka ele baagi ba lela ka tlhokego ya metsi, re tshwanetse go botsana dipotso tse di maleba. Jaaka re le masepala wa sedika, re tlhaloganya matsapa a baagi ba a itemogelang,” Seepamere wa tlhalosa. 

Seepamere are ba boleletse baagi fa gona le dithulaganyo tsa go aga dipeipe tsa bolele jwa 3.5km. Seepamere are seo, se dirwa ke gore baagi bangwe ba ikgokaganyeleditse peipe ntle le molao mo motseng wa Khibitswane. 

“Jaanong, puso e kaile fa re tshwanetse go tsenya peipe e ntsha e e tlileng go thusa metse le metsana e mabapi. Jaanong, thendara e ile ya bapatswa, fela ga gona ope wa batho ba ba neng ba tsentse kopo ba ba neng ba na le ditlankana tse di maleba.

“Re ile ra laela badiri ba masepala gore ba bapatse gape, kgotsa ba nolofatse ditlhokego gore baagi ba kgone go bona metsi. Re ile ra dumalana gore re tla tlisa ditanka go metse eo jaaka Kgetlheng, Khibitswane and Cokonyane,” Seepamere wa tlhalosa.

Are jaanong, gona le rakonteraka o a tsosolosang modutelo wa metsi kwa Cokonyane. Go ya ka Seepamere, lekwalo la dingongorego le ne le sa supe fa le tshwanetswe go amogelwa ke majoro wa sedika. 

taungdailynews@gmail.com