
Setshwantsho: Sebueledi sa Lefapha la Katlatlelo-Loago mono Bokone Bophirima, Petrus Siko
Ka Petrus Siko
24 Ngwanetsele 2025- Thaka e tshesane e ineetse mo nnotaging le mo diritibatsing. Seno ke kgwetlho e kgolo e e ntseng e kukela go ya pele jaaka sebi. Kgwetlho ya mothale o, e nna mo pepeneneng ka nako ya fa bana ba sekolo ba sena go fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga, e leng se ba se bitsang go tlhatswa pene. Fa letsatsi leo le fitlha, bana ba dikolo ba bo hupa ka dimpa tse pedi. Fa ba ntse ba itshiela, bangwe ba sunetsa diritibatsi, seno e le karolo ya go keteka go wetsa ditlhatlhobo tsa marematlou.
O fitlhele ba tladikile diaparo tsa bona ka dipene tsa mebala e e farologaneng. Bangwe ba kgagola diaparo tsa bona tsa sekolo. Kgori e bona lee, lerapo ga e le bone.
Ke mang a ka lebalang motlhotlhapelo a kwa lefelong la thekiso ya nnotagi ya Enyobeni ka ngwaga wa 2022 kwa porofenseng ya Kapa – Botlhaba? Basha ba le someamabedi nngwe ba latlhegetswe ke matshelo fa ba ne thologela kwa Enyobeni go keteka bokhutlo jwa ditlhatlhobo tsa bona.
Se, ke tiragalo e basha ba ka se kitlang ba e lebala ka gope mme e tla ya tlase le hisitori. Go itumela phetelela ga thaka e tshesane e le mo sediding sa nnotagi le diritibatsi go le gantsi go dirwa ke kgatelelo ya bosha le go leka go itepatepanya le basha ba bangwe ba ba nang le maitemogelo a go nwa bojalwa le go sunetsa diritibatsi gongwe go itlhaba ka lomao le le nang le diritibatsi.
Bangwe ba susumediwa ke maranyane a boitapoloso. Bangwe fa ba setse ba tshibikela ka ntlha ya tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi, ba arogang madi a bona ka se ba se bitsang ‘bluetooth’. Seno se diragala jang? Yo o senang diritibatsi ka nako eo mme a tlhoka sedidi, o tsaya lomao mme a gope madi a yo o setseng a tagilwe mme a itlhabe ka lomao leo mo letsogong. Ka ponyo ya leitlho fa madi a yo mongwe a tsena mo mmeleng wa gagwe, o tsenwa ke sedidi sa yo o tagilweng ke diritibatsi. Se ke kotsi ya go refosana malwetse ka lomao.
Godimo ga dilo tsotlhe tse, batsadi gongwe botlhokomedi ba bana, ba tshwanetse go tshameka karolo e kgolo go efosa thaka e tshesane nnotagi le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi. Batsadi ga ba a tshwanela go repisa molao le fa e le go itebala fa go tla mo tlhokomelong ya bana. Ke mang a reboletseng bana go nwa bojalwa fa ba fetsa go kwala ditlhatlhobo? Ke mang a rileng ngwana a ka nwa bojalwa fa a sena go newa senotlolo a le dingwaga di le someamabedi-nngwe? A ke batsadi?
Batsadi ba na le seabe se segolo mo go ageng semelo le mekgwa e mentle ya botshelo mo thakeng e tshesane. Ke maikarabelo a batsadi go thusa thaka e tshesane go tsaya ditshwetso tse di maleba.
Go thibela tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi go santse go le gale, batsadi ba tshwanetse go bua ka diritibatsi le kotsi ya tsona fa ngwana a santse a le mo dingwageng tse di kwa tlase. Tiego e tsala tatlhego. Go le gantsi batsadi ba thanya lo le tsebeng, sebi se setse se kuketse. Ntle le go bipa mpa ka matsele, diritibatsi di mo pontsheng kwa dikolong, mo maranyaneng a boitapoloso le mo loagong. Seno se pateletsa batsadi go nna batho ba ntlha go bula ka ditiribatsi. Ga se sephiri.
Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go lo oba lo santse lo le metsi. Seno se tla efosa bana diritibatsi. Batsadi ga ba a tshwanela go tshosetsa bana ka diribatsi mme ba tshwanetse go bua nnete fela ka kotsi ya diritibatsi. Ba tlotlele bana ka moo diritibatsi di senyang boko ka teng, go ba susumetsa go tsaya ditshwetso tse di fosagetseng le ditlamorago tsa pholo tse di sa jeseng diwelang.
Go bontsha lerato mo baneng, ke nngwe ya ditsela tse batsadi ba ka efosang bana diritibatsi. Bana ba maikutlo a bona a edileng ba bua le batsadi ka sengwe le sengwe. Dimpho ga di reka lerato la bana. Bodutu bo kgarameletsa bana kwa ditiribatsing. Batsadi ga ba tshwanela go ruta bana go nwa bojalwa le fa e le go ba kwa mafelong a nnotagi. Go mo maruding a batsadi go thibela tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi.
(Tsiboso: Petrus Siko ke sebueledi sa Lefapha la Katlatlelo-Loago mo porofenseng ya Bokone Bophirima. Maikutlo le ditshwaelo tse di ntshitswe fa, ke maikutlo a mokwadi, mme lekwalo-dikgang la The Guardian, ga le ikamanye ka gope le maikutlo ao. Siko one a kwala maikutlo a gagwe, mme eseng a lefapha)