
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Ntswanahatshe, gaufi le Dryharts mono Taung, ba kaile fa ba thankgolotse letsema la go kampela mabitla a bone. Mongwe wa barulaganyi ba letsema le, Lesley Tsolo are seno se tla morago ga gore diphologolo di senye difikantswe (tombstones) tsa ba malapa le ba masika a bone.
“Rona jaaka baagi, re ile ra bona go le botlhokwa go tla ka letsema le. Kakanyo e, e tla morago ga gore re bone mabitla a batsadi ba rona, ga mmogo le ba masika a digwa ke diphologolo ka ntlheng ya gore ga gona legora le le siameng le le ka thibelang diphologolo tse go tsena ko mabitleng.
“Re ile ra ribolola letsema le, le go itsise baagi ka maitlhomo le maikaelelo a rona. Mme re itumetse thata go bona tshegetso go tswa mo baagi ka kakaretso. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o neelanang ka tshegetso ya ledi go tshegetsa letsema le, ntle le baagi. Ledi le re le bonang mo baaging, ra le tsaya mme re le tlatse go reka dilwana tse ditlhokegang mo go ageng legora le,” Tsolo wa tlhalosa.
Are ba simolotse go tsenya legora mo mabitleng mo letlhakoreng le lengwe, mme ba tla fetela go lelengwe. Re eletsa thata gore baagi ka kakaretso ba tsene le rona mo torong e ya go tlhabolola motse wa rona. Tsolo are se, ga se letsema la bofelo le le tlileng go thankgololwa kwa Ntswanahatshe, gonne ba setse ba dirile tsheka-tsheko ya ditlhokego mo motseng.
“Matlhaga-tlhaga are a bonang mo baagi, a re tlhotlheleditse gore re lebelele sengwe gape se re tla se dirang, mme maikaelelo ele go tlhabolola motse wa rona. Se segolo se ke neng ke se eletsa ke gore, badiri ba rona ba ba re thusang ka go ithaopa, re se ba lebale fa go nna le letsema lengwe le le duelang mo motseng wa rona.
Mongwe wa baeteledipele, Boitumelo Dilapiso, le ene o kgwa ka tlhaa.
“Rena le matsapa a le mantsi mo motseng wa rona, ke ka moo re tlileng ka porogerama e ya go baakanya mabitla. Fa o tla go lebelela, botlhoka-tiro bo ko godimo mo motseng. Basha ba le bantsi ba na le ditlankana tsa dithutego tse di maleba, fela ga go fetoge sepe.
“Matsapa ke gore, ga rena keteledipele e maleba mo motseng wa rona. Le puso e itshetse moriti o tsididi mabapi le go tlisa ditlhabologo mo motseng wa rona,” Dilapiso wa tlhalosa.
Kgabagare, mongwe wa baagi, Mothusi Dikwelane are tiriso e botlhatswa ya diritibatsi le nnotagi, ke tlhoba-boroko mo motseng wa bone. Dikwelane yo ga jaana a dirisang metsameko ya kgwele ya dinao ga mmogo le bolotlowa go ka ntsha basha kwa mebileng are, ba lobaka ba itsise sepodisi gore ke bo mang batho ba ba rekisetsang basha seritibatsi sa nyaope, fela ga go mokgwasa ope.
“Kgang ya diritibatsi e utlwisa botlhoko, me re ile ra itsise ba ba maleba gore gona le batho ba ba gwebang ka diritibatsi. Fela, ga gona sepe se se diriwang. Sepodisi ga se dire sepe, mme re lobaka re ikuela go sone go tsiboga. Ka maswabi, ga go nko e tswang le mina.
“Tiriso e botlhatswa ya diritibatsi le nnotagi di bolaile basha ba le ba ntsi. Ebile, bana ba setse ba feta bagolo ka ditebego, mme letsema le, le tlile go re thusa thata. Re ile ra tlhopa komiti e e tla re etelelang pele, mme e dira bosigo le motshegare bagaetsho,” Dikwelane wa tlhalosa