Baagi ba kwa Mothanthanyaneng ba itumeletse go agelwa ntlo-lehalahala 


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba motse wa Mothanthanyaneng, gaufi le Taung ba kaile fa ba itumeletse go agewa ntlo-lehalahala kwa motseng wa bone. Se tla morago ga gore masepala o mogolwane wa Taung, o neele semmuso baagi ntlo-lehalahala e jetseng masepala R6 million mo letsatsing la maabane. 

Mayara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe o ikuetse go baagi go ka tlhokomela ntlo-lehalahala eo, le go netefatsa fa e sa thubiwe. Gaoraelwe are go agiwa ga ntlo-lehalahala, go tlile go tlisa ditlhabololo mo motseng. 

“Re bone go le botlhokwa jaaka masepala gore re dire pulo-semmuso ya ntlo-lehalahala le. Se, se tlile go re thusa thata gore re efoge kgang ya maloba mo masepala oneng o aga matlo-lehalahala, mme go be go sa nne le pulo-semmuso. 

“Jaanong, jaaka karolo ya thebolo ya ditirelo, re neele baagi semmuso ntlo-lehalahala e baneng ba ikopile. Rena le maikarabelo jaaka puso go ruta baagi gore ba se fise kgotsa go senya dilo dingwe tsa bone tse ba di agetsweng fa ba ipelaetsa,” Gaoraelwe wa tlhalosa. 

Gaoraelwe are baagi ba tshwanetse gore ba itse fa dikago tse, ele tsa bone mme ba tshwanetswe gore ba di tlhokomele. Gaoraelwe are jaaka masepala, ba setse ba thapile batlhankela ba tshireletso go tlhokomela dikago tsa bone go efoga tshenyo ya dithoto. 

“Fa rakonteraka a neela masepala ntlo-lehalahala, masepala o tshwanelw ke go netefatsa fa go sa nne le bosinyi le tshenyo ya dithoto. Re dirisitse madi a kanang ka R6 million go aga ntlo-lehalahala e, mme madi ao a akaretsa sengwe le sengwe jaaka mogokaganyi (consultant). Gape, o se lebale gore seo se akaretsa 14% ya lekgetho,” Gaoraelwe wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com