
Setshwantsho: Kotsi e masisi kwa mmileng mogolo wa N18 gaufi le Matlapaneng
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Matlapaneng, gaufi le Taung ba kaile fa dikotsi tsatsela tse di tsweletseng go diragala kwa mmileng-mogolo wa N18 go ralalang toropo ya Taung le go leba kwa Kimberly, ele tlhoba boroko. Jaanong baagi ba, ba ikuela go dingaka ga mmogo le baruti go tswa kwa dikerekeng tse di farologaneng go ka tsenela thapelo kwa tseleng eo mo letsatsing la gompieno.
Mogokaganyi wa tlhapiso e, Lopang Tokwe, are batla be ba tsweletse ka thapelo kwa mmileng o, mme ba dira seo go ka rotloetsa badirisi ba tsela go ka dula ba le malala-a-laotswe.
“Re ikuela go dingaka tsa setso go tswa kwa metse e farologaneng jaaka Matlapaneng, Mase, Choseng, Sedibeng, Karelstad ga mmogo le Loselong go tla ka makatla a namane, mme ba tsenele tlhapiso ya tsela e.
“Tiro yone e tla simolola ka ura ya bosupa mo mosong, mme re tla kopana kwa kgotlheng ya motse wa Matlapaneng pele ga re leba kwa mmileng mogolo,” Tokwe wa tlhalosa.