Baagi ba kwa Shaleng ba ikagela tsela morago ga gore puso e ba latolele fa e sena madi


Ka OBAKENG MAJE

5 Motsheganong 2025- Baagi ba kwa motseng wa Shaleng gaufi le Taung, ba mina ka nko ele nosi morago ga gore Lefapha la Dithoto tsa Setshaba ga mmogo le Ditsela mo Bokone Bophirima, le ba latolele fa le sena madi a go ka ba agela tsela ya sekontere.

Baagi ba ile ba tsaya tshwetso ya go ka ikagele tsela eo ka tiriso ya matlapa ga mmogo le mmu. Fela baagi ba, ba re ba kopana le mathata gonne ga ba na ledi le le lekaneng.

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Sinah Gaoagwe are, go lobaka tsela eo e sa tsamaege, fela seemo se ile sa etegela morago ga dipula tse di neleng. Gaoagwe are tsela e, ke yone e e gaufi go ka ba golaganya le tsela ya sekontere e tswang kwa motseng wa Kgomotso le Seoding.

“Jaanong, re ile ra bona fa go le botlhokwa gore re leke go ipaakanyetsa tsela eo. Re na le lobaka le le telele re ikuela go puso go ka baakanya tsela, mme kgale e tshelwa mmu fela e be be gogorupiwa.

“Fela, lefapha kgale le re tshepisa gore le tlile go re agela tsela ya sekontere ngwaga le ngwaga. Se se re makatsang ke gore ga go tle gore tsela e, e agiwe. Go fitlha ga jaana, tsela eo ga e dirisiwe, gonne dijanaga di tshwarwa ke seretse,” Gaogawe wa tlhalosa.

Gaogawe are jaanong seo se pateletsa bakgweetsi go dirisa tsela ya kwa Rietfontein, mme e kgakajana. Are le fa moagi a emetse ambulance, e feleletsa e tsene thari, mme seo se dire gore baagi ba se bone thuso ka bonako.

“Re kopana le matsapa jaaka baagi fa re baakanya tsela eo, gonne khumanego e tsentse letsogo. Ga jaana, re thota matlapa a re thusang go baakanya tsela eo, gape baagi ba ba baakanyang tsela eo, ba tshwanelwa ke gore ba rekelwe dijo.

“Baagi ba ne ba kopilwe go ntsha madi mangwe le mangwe a ba tla a kgonang ele go ka leka go rekela dipalangwa tse di dirisiwang go thota matlapa lokwane,” Gaogawe wa tlhalosa.  

Kgabagare, sebueledi sa nakwana sa Lefapha La Dithoto Tsa Setshaba ga mmogo le Ditsela, Mmakgori Tong are: “Ke nnete lefapha la itse ka tsereganyo e e diriwang ke baagi go ka ipaakanyetsa tsela. Baagi ba lobaka ba kopa gore ba agelwe tsela ya sekontere.

“Fela go fitlha ga jaana, jaaka lefapha, kgale re tshela tsela eo mmu le go e gogorupa dingwaga tse tsotlhe. Re tlile go tswelela go dira jalo, mme re thusana le baagi go ka leka go baya tsela eo mo seemong se se tsamaegang go tloga gompieno.”

Tong are ka maswabi ga gona tekanyetso-kabo ya go ka aga tsela eo go e dira ya sekontere. Tong are lefapha le tla itirela tiro yotlhe ya go tshela mmu mo tseleng eo, le go e gogorupa ntle le go dirisa mokgwa wa thendara.  

“Ka maswabi, ga gona dithulaganyo dipe tsa go ka aga tsela eo go e dira ya sekontere go fitlha ga jaana, mme mokhuduthamaga wa lefapha, Elizabeth Mokua, o ile a tsenela kopano le kemedi ya baagi ka kgwedi ya Ferikgong 2025, kwa dikantorong tsa masepala o mogolwane wa Taung mabapi le tsela e,” Tong wa tlhalosa.     

taungdailynews@gmail.com