Molekgotlha wa masepala o mogolwane wa Taung, Pinky Mosinkiemang o latofadiwa ka go ina khadi monwana mo diphirong tsa EPWP 


Ka OBAKENG MAJE

Baagi go tswa kwa metseng e e farologaneng go ralala Taung, ba kaile fa ba sa tle go letlelela bogwenegwene jo bo diragalang mo porogerameng ya EPWP. Seno se tla morago ga magatwe a gore, balekgotlha bangwe go tswa kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, ba tsweletse go thapa batho bangwe ka bokukuntshwane. 

Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi kwa motseng wa Lokaleng mono Taung, Thato Mampane, are gona le batho bangwe ba ba thapilweng ka bokukuntshwane kwa bookelong ja Taung. Mampane are ba letse ba etetse bookelo jwa Taung le go ya go leka go emisa diphiro tseo tse di sa lolamang. 

“Fela, kopano ya rona ile ya emisiwa ke molekgotlha, Pinky Mosinkiemang. Se se utlwisang botlhoko ke gore, balekgotlha ba rona ba mo Taung ba thapile batho ba EPWP kwa bookelong jwa rona jwa Taung. Fela, maloko a dikomiti tsa dikgorwana tseo ga ba itse sepe. 

“Jaanong, re ba kopile go nna le kopano le bone le go ka tlhaloganya gore go diragetseng. Fela, ba ile ba re puaganya, mme ba tlhalosa fa kopano e fedile. Seo se bontsha gore ga re batho ba sepe mo pele ga bone,” Mampane wa tlhalosa. 

Are fa a gopola sentle, Mosinkiemang ke ene o a neng a latofatswa ka go thapa bana ba baneng ba tsenela ikatiso ya bo rrapharakano kwa masepaleng o mo golwane wa Taung ka bokukuntshwane. Mampane are le gompieno, gape, Mosinkiemang wa tlhagelela mo ditatofatsong tsa go thapa ka losika kwa bookelong jwa Taung. 

“Fa go thapiwa ga batho ba EPWP gone go tsamaisitswe sentle kwa metseng ya rona e farologaneng, re kabo re se fa. Jaanong, gotlhelele ga ya tsamaisiwa sentle. Seo se bontsha fa puso ya rona e e eteletsweng pele ke lekoko la ANC, e sa re kgathalele. 

“Ka re ebile barongwa-pusong ba yone ba kgona gore puaganya re tsenetse kopano. Gape, re ile ra ikuela go motsamaisi (CEO) wa bookelo gore a emise batho ba ba thapilweng, mme re rarabolole bothata jo. Fela, le ene o ile are latlhelela matsogo,” Mampane wa tlhalosa. 

Mampane o tsweletse ka gore, ba itse gore batho ba ba thapilweng ke ditsala tsa badiredi-puso bao. Are se se bontsha fa motsamaisi wa bookelo le ene a na le karolo mo bogwengweneng jo bo diragalang. 

“Ke eng se se mopaledisang go emisa batho ba ba thapilweng, mme kgang e e rarabololwe? Seo se bontsha fa ele selo se ba se tlwaetseng,” Mampane wa tlhalosa. 

O mongwe wa baagi go tswa kwa Ditshilong 2, Eric Mess le ene o kaile fa se ele bothata jwa baki e e senang letsogo. Mess are o makadiwa ke gore fa balekgotlha ba tshwanetse ba ba neele dikarabo, ba ema ba tsamaya. 

“Mosinkiemang o emisitse kopano, gonne a tshaba go tsaya maikarabelo. Ga go kgonagale gore re nne le baemedi ba dikgorwana ba be ba ithapa gape mo ditirong tsa EPWP. 

“Ka tlwaelo, baemedi ba dikgorwana, ke bone ba ba neelang molekgotlha maina a batho ba ba tshwanetsweng ke go thapiwe. Fela dilo di fetogile ga jaana, gonne ke bone jaanong ba ba ithapang. Ebile ba bagwe ba thapile basadi ba bone, ga mmogo le ditsala tsa bone. Re batla go tlhaloganya gore go dirisitswe tsela efe ya go thapa,” Mess wa tlhalosa. 

Are ga ba bona dikarabo, mme ba ile ba laelwa go ya go kopana le mmusakgotlha wa masepala o mogolwane wa Taung, Grace Moipolai go bona dikarabo. Mess are mo letsatsing la gompieno, ba tlile go boela kwa bookelong gape, le go ntsha batho ba ba thapilweng go se ka fa molaong. 

Kgabagare, sebueledi sa masepala o mogolwane wa Taung, Ricky Oliphant, o kaetse Taung DailyNews fa a ile go batla dikarabo, mme o tla boela go rona. Fela go fitlha ga jaana, Taung DailyNews e sentse e beile letsogo mo phatlheng. 

taungdailynews@gmail.com