Motse wa Magogong o di goga kwa pele mo dipalopalong tsa tshotlakako ya bong


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi go ralala Taung ka bophara, ba tsweletse go itemogela ditshotlakako tsa bong mo malapeng a bone. Go ya ka dipalopalo, motse wa Magogong, o tsweletse go di goga kwa pele mo ditshotlakakong tsa bong.

Jaanong, kemedi go tswa kwa Regodile Community Development Centre, Bakang Sebokolodi are, ba tlile ka porogerama ya go ruta baagi go ka lwa kgatlhanong le sera se. Sebokolodi are ba tlhotse ba kopane le batsaya-karolo botlhe kwa dikantorong tsa Batlhaping Baga Phuduhucwana kwa motseng wa Chiefcourt mo letsatsing la gompieno.

“Maikaelelo a rona a go tshwara kopano e, re batla go tsibosa baagi ka kakaretso ka tshotlakako ya bong. Jaanong, re bitsa kopano e ya rona: “The Rock”, mme re kopane le sepodisi gore se tle go thusa ka go fitisa molaetsa. 

“Mokgatlho wa rona, o rotloetsa banna ka bontsi go ema kgatlhanong le tshotlakako ya bong, ga mmogo le go ba ruta ka maitshwaro a siame go basadi le bana. Diporegerama tsa rona ga di a tota bomme le bana fela. Borre le bone ke karolo ya kopano e, gonne le bone ba amega,” Sebokolodi wa tlhalosa.

Kemedi ya sepodisi go tswa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, Sergeant Kgalalelo Ntlolokwane are ba fa gompieno go tla go thankgolola letsholo la ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong. Ntlolokwane are maitlhomo le maikaelo ke go tla go lemotsha baagi ka kakaretso mabapi le ditla-morago tsa tshotlhakako ya bong. 

“Ga se basadi le bana fela ba ba shotlakakiwang, mme le borre ba le bantsi ba itemogela tshotlakako e, fela ba didimetse. Jaanong, re ikuela go baagi ka kakaretso go se mele muta moganong, mme ba buele kwa ntle ka mathata a bone fa ba shotlakakiwa. Go ya ka dipalopalo go tswa kwa Lefapheng la Boitekanelo, bontsi jwa balwetsi ba ba amogelwang kwa maokelong a farologaneng ka ntlha ya kgatelelo ya maikutlo, ke ba ba shotlakakiwang kwa malapeng.

“Jaanong, re tlile ka tsibogo e go ka itsise baagi gore tshotlakako ya bong ke segajaja mo baaging. Ra itse gore mopresidente wa naga, Cyril Ramaphosa, o itsisitse tshotlakako ya bong jaaka segajaja se se tsweletseng go repitla sechaba. Tshotlakako e tshimolola ele e nnye, mme e gole fa e sa emisiwe, e feleletsa e tshotse botshelo jwa motswasetlhabelo,” Ntlolokwane wa tlhalosa. 

Ntlolokwane are ba ikuela go baagi gore ba buele kwa ntle, mme batle go sepodisi gore ba ba thuse. Are go le gantsi, batswa-setlhabelo ba itemogela ditshotlakako fa ba tswa kwa mafelong a go iphanngwang ka nnotagi kwa go one. 

Kgabagare, kemedi ya segosi go tswa kwa motseng wa Buxton, Dineo Motlhetlhi are: “Kopano e, ene e rulagantswe ke setheo sa Regodile. Kgang e ba tsamayang ka yone ke go itsise baagi ka ditla-morago tsa tshotlakako. Tshotlakako ya bong e ama mongwe le mongwe, ke ka jalo re batlang gore mongwe le mongwe a tseye karolo mo ntweng e.

“Baagi ba tshwanetse go itse gore, tshotlakako ya bong, ga e bue fela le borre, kgotsa bomme. Jaanong, go tlile go nna bonolo fa mongwe le mongwe a itsise sepodisi ka tshotlakako e. Tshotlakako e gongwe le gongwe, mme ga nkitla ke re kwa motseng wa rona wa Buxton ga eo, gonne re a e bona ya diragala.”

Motlhetlhi are nako enngwe, dirukutlhi di tsenelela bagolo mo motseng wa bone, fa basimanyana ba betelela makgarebe le go ba ntaya.

taungdailynews@gmail.com