Banna ba le babedi ba tshwaretswe go utswa kgomo


Ka OBAKENG MAJE

17 Phatwe 2025- Banna ba le babedi ba di ngwaga di le 42 le 49, ba tshwere mabapi le ditatofatso tsa go utswa kgomo. Sepodisi sa kwa Marydale, gaufi le Kimberley, se tlhalositse fa banna ba, ba ile ba utswa le go bolaya kgomo eo.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Colonel Cherelle Ehlers are ka Labotlhano, mongongoregi o ile a itsise sepodisi ka kgomo ya gagwe e utswilweng e be e bolaiwa kwa Koegas. Ehlers are sepodisi se ile sa betsegela kwa lefelong la tiragalo ka gangwe.

“Sepodisi se ile sa fitlhela masaledi a kgomo eo kwa lefelong leo. Dipatlisiso di ile tsa ba lebisa kwa ntlung nngwe kwa ba fitlhetseng babelaelwa ba le babedi gone.

“Bogodu jwa leruo ke tlhoba boroko mo kgaolong ya rona, mme sepodisi se tla tswelela go lwa kgatlhanong le seo. Barui ba kopiwa go latela melawana ya tshireletso go efoga bogodu jwa leruo,” Ehlers wa tlhalosa.

Ehlers are ba ikuela go batho botlhe go ka ba itsise ka bosenyi jo bo diragalang. Are ba ka letsetsa di nomoro tsa 08600 10111 kgotsa ba tla dirisa MySAPS App.

taungdailynews@gmail.com