Moithuti wa kwa sekolong sa St Paul’s o beteletswe


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi se tlhalositse fa baithuti ba le batlhano ba ba latofadiwang ka go betelela moithuti jaaka bone kwa sekolong se se potlana sa St Pauls mono Taung, ba tlile go latofadiwa semmuso mo letsatsing la Labobedi. 

Go begwa fa baithuti ba, ba ile ba betelela moithuti wa dingwaga di le 13 kwa sekolong ka di 17 Moranang 2024. Fela, go ya ka dipego, sekolo ga sa itsise motlhokomedi wa mongongoregi ka tiragalo e, gonne se ne se batla go e dira pipanapipe.

Fela, go begwa ka di 23 Moranang 2024, mosi one wa tswa ka sekhurumelo fa motlhokomedi wa mongongoregi ane a longwa tsebe. Go begwa fa motlhokomedi o, ane a tsena kwa sekolong a shakgetse, ebile a angwa fela ke tse a neng a di apere.  

Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane o tlhalositse fa dipatlisiso mo morerong o, di tsweletse. Molokwane are lefapha le paletswe ke go bona tharabololo mo morerong o, mme kgang e, e ile ya fetisediwa kwa sepodising. 

“Gone go na le tlhakatlhakano mo dintlheng mabapi le tiragalo e, mme re ile ra bona fa go le botokwa gore re letle sepodisi go ka dira tiro ya sone jaaka ele bomaitsanape mo morerong o, ga mmogo le go batlisisa bo nnete jwa kgang,” Molokwane wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le balatofadiwa e ile ya bulwa ka di 3 Motsheganong 2024. Go tlhatlhobiwa ga baithuti bano, go tlile go diriwa ka di 21 Motsheganong 2024, mme morago ga moo, batla latofadiwa semmuso. 

“Fela, ba tlile go bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi ba bone, gonne ba santse ba le kwa tlase ka dingwaga.”

taungdailynews@gmail.com