Meyara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe o etetse ba lelapa la rra Kale kwa Shaleng


Ka OBAKENG MAJE 

20 Ngwanatsele 2024- Ba lelapa la rra Kale la kwa motseng wa Shaleng, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba tlhoka dithuso go ka tsweletsa phitlho. Se se tla morago ga gore mongwe wa leloko la lelapa, Olebogeng Mampe Kale (33), a latofadiwe ka go bolaya batsadi ba gagwe, Mosemanegape Kale (74), Phodisho Kale (68), ga mmogo le kgaitsadie, Bonolo Kale (27).   

Kale o ile a tshwarwa, mme kgetsi ya gagwe e buseditswe morago go fitlha di 25 Ngwanatsele 2024. 

Meyara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe, o ile a etela lelapa. Gaoraelwe yo oneng a patilwe ke molekgotlha Itumeleng Maribe are, ba ne ba ile go busa maoto kwa lelapeng morago ga tiragalo e setlhogo e. 

“Ga re kitla re lo naya sepe se se tla busetsang tiragalo e kwa morago. Go le gantsi fa re etela malapa a diragaletsweng ke sengwe sa go tshwana le se, ba fitlha ba re tlhalosetsa gore go diragetseng. 

“Jaanong, mo kgannyeng e, re bone go se botlhokwa gore re tlhole re lo botsa gore go diragetseng, gonne mongwe le mongwe wa itse. Re tlhaloseditswe fa ba lelapa ba kaile fa ba na le makasi a baswi le serame, mme ba tlhoka thuso tsa dijo. 

“Re tla bua le bo rrakgwebo bangwe go ka thusa ntle le go ikgolega. Rona jaaka masepala ga re ntshe dijo. Fela re ile ra leka go batlana le dithuso go batho bangwe ba re dirang le bone (service providers),” Gaoraelwe wa tlhalosa. 

Gaoraelwe are ba itse gore dintsho tse di ntseng jaana, di oka batho ba le bantsi. Are jaanong, fa go ka nna le sengwe, ba tla boela mo lelapeng.  

Kgabagare, Modulasetilo wa setheo se eseng sa puso sa Sino Themba, eleng Golekane Morwe are: “Modiredi-loago wa rona, Goitsemang Sehako, one a etela sekolo se segolwane sa Motheletsi, gonne gona le baithuti ba rra Kale teng. 

“Baithuti bao ke Mphoentle Kale (17) yo o dirang Mophato wa 11, ga mmogo le Tlhalefo Kale (16) wa Mophato wa 8. Fela, Sehako o tlhalositse fa ba se kitla ba thoba bana bao maikutlo go fitlha ba fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa mafelo a ngwaga.”

Morwe are Sehako o tlhalositse fa seo se ka ba tsosetsa diletseng, mme se ba kgoreletse mo ditlhatlhobong tsa bone. Are jaanong, ba tlhalositse fa ba tla ba thoba maikutlo morago ga ditlhatlhobo. 

“Go tloga moo, ba ile ba etela lelapa, mme ba buisana le Gomolemo Kale (39). Ba lelapa ba ile ba tlhalosa fa ba tlhoka dithuso gore ba ka tsweletsa phitlho. 

taungdailynews@gmail.com