Baagi ba Manokwane ba patelesega go nwa metsi le diphologolo  


Setshwantsho: Baagi ba Manokwane ba kaya fa ba patelesega go nwa metsi le diphologolo/Twitter

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Manokwane, gaufi le Taung ba kaile fa tlhokego ya metsi ele tlhoba-boroko. Baagi ba re metsi a tswa mo dipompong tsa bone, a masetlha fa ka nako enngwe a tlhola ekare a tshetswe lokwane. Mongwe wa baagi, Thamsanqa Latlha are, seemo se ba tshelelang mo go sone ga se se sentle le eseng.

“Re lekile go lwantshana le bothata jwa tlhokego ya metsi go tshimolola ka ngwaga wa 2005. Re tlile ra bona metsi a phepha go tswa kwa setlamong sa metsi sa Sedibeng Water, fela ha e sale setlamo se sa Magalies Water se tsena, re itemogela metsi a leswe. Metsi a tswa mo dipompong tsa rona a mahibidu, ebile le dikgamelo tse re gang metsi ka tsone di setse di fetotse mmala.

“Jaanong, re bone go le botokwa go ka tla go ga metsi mo kanaleng e e mo motseng. Fela, re itemogetse gore gona le dilo tse dintsi tse di latlhelwang mo go yone jaaka ditshwa tse di suleng ga mmogo le mengato ya bana. Re bone gore re ge metsi fa, mme re a bedise pele ga re ka apaya ka one,” Latlha wa tlhalosa.

Are, jaaka ele baagi, ba tshwenyegile thata ka ntlheng ya seemo se ba se itemogelang. Latlha are, batho ba le bantsi ba tlhokafetse kwa motse-setoropong wa Hammanskraal kwa Gauteng mo dikgweding tse di fetileng, ele ka ntlheng ya Cholera.

“Jaanong, re tshogile gore gongwe seo se ka tloga se re diragalela le rona jaaka baagi ba Manokwane. Ke maswabi go bona ekare re boela kwa pusong ele ya maloba. Re ne re solofetse fa puso eno e ntsha ya kgololosego, e ka dira botokwa, mme re bona go tshwana fela, gonne ga gona ditlhabologo.

O mongwe wa baagi, Eddie Mogorwe le ene o kaile fa ba ikuela go tona ya lefapha la metsi le kgelelo-leswe, Senzo Mchunu go ka tsereganya.

“Bothata jwa tlhokego ya metsi ga se fela mo motseng wa Manokwane, gonne metse yotlhe ya Taung ka bophara e itemogela tlhokego ya metsi. Jaanong, re ne re kopa Mchunu a etele motse o wa rona go tla go bona seemo se retshelelang mo go sone. Re rometse selelo sa rona kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ga mmogo le masepala rona wa selegae wa Greater Taung Local Municipality, fela ga go nko e e tswang lemina,” Mogorwe wa tlhalosa.

Kgabagare, molekgotlha o o ikarabelang mo go tsa mafaratlhatlha (Infrastructure) kwa masepaleng wa selegae o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are: “Jaaka masepala wa selegae, re tlile ka toga-maano le go netefatsa fa baagi ba bona metsi a phepha le fa ese maikarabelo a rona jaaka masepala, gonne o tla gopola gore, masepala o o nang le dithata tsa go neelana ka metsi ke wa sedika.

“Re na le kgwetlho mabapi le mafaratlhatlha a rona a rebolang metsi. Re na le porojeke e eneng e baakangwa ya Taung Water Treatment Plant kwa motseng wa Lokaleng. Fa ene e ka bulwa, bontsi jwa baagi ba ne ba tla unngwelwa mo go yone. Porojeke eo, e setse e tserwe ke lefapha la kgelelo-leswe le metsi (Department of Water and Sanitation).”

Maribe are jaaka masepala, ga bana ditlabakelo tse di lekanang, fela ba leka ka natla go netefatsa fa baagi ba bona metsi. Maribe are ba setse ba nnile le tumalano le masepala wa sedika gore masepala wa selegae o tla neela baagi ba Reivilo ga mmogo le ba motse-setoropo wa Boipelo metsi, mme metse yotlhe ya Taung, e tla bona metsi go tswa kwa masepaleng wa sedika.

“Gape re tlile go nna le tumalano ya gore, fa masepala wa selegae o thuse masepala wa sedika mo o sa kgoneng teng, ebe re lefelwa go dira seo. Re tlile go nna le kopano eo mo dibekeng tse pedi tse di tlang go ka nna le tumalano eo.

“Jaaka puso, re na le maikarabelo a go neela baagi ditirelo, go sa kgathalesege gore ke maikarabelo a masepala ofeng. Baagi ba rona ga ba itse gore ke maikarabelo a ga mang go neelana ka metsi. Go fitlha ga jaana, re setse re na le mafelo are a totileng, gonne a itemogela mathata a metsi,” Maribe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com