Mosimane o tlhokafetse fa o mongwe a lwela botshelo jwa gagwe morago ga go thulwa ke sejanaga mo tsela-kgolo ya N18 gaufi le Maphoitsile


Ka OBAKENG MAJE 

Makawana a le mabedi ba letse ba thudiwe ke sejanaga sa modiro wa Polo Vivo e pududu ka mmala mo tsela-kgolo ya N18, gaufi le matsenong a motse wa Maphoitsile mono Taung. Go begwa fa basimane ba, Koketso Setilo (20) le tsala ya gagwe, Tlotlang Maruping, ba ne ba palame setobetobe (bicycle) go leba kwa motseng wa Majaneng fa ba ne ba amega mo kotsing ya sejanaga. 

Go begwa fa Setilo a ile a tlhokafala ka gangwe, fa Maruping a ile a bona dikgobalo tse di tsetsibanyang mmele, mme o lwelwa botshelo jwa gagwe kwa bookelong kwa Tshepong/Klersdorp Hospital Complex kwa Klerksdorp. 

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, sepodisi se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo, mme ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. 

“Mokgweetsi (32) wa Polo Vivo o kaile fa a ne a tswa ntlheng ya Taung le go leba ntlheng ya Hartswater mo tsela-kgolo ya N18 fa basimanyana ba ba neng ba palame setobetobe ba ne ba tlhaga mo matsenong a motse wa Maphoitsile,” Funani wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com