Badiri ba Diphetogo Cleaning and Security Services kwa Vryburg, ba lopa dituelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi 


Ka OBAKENG MAJE 

Badiri ba ba dirang jaaka batlhokomedi kwa Diphetogo Cleaning and Security Services kwa Vryburg, ba ne anngwa fela ke tse ba diapereng mo letsatsing la maabane. Batlhokomedi ba, ba ne ba boloditse mogwanto, mme ba tlhalosa fa ba ese ba duelwe dituelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi. 

Go ya ka mongwe wa batlhokomedi kwa Diphetogo Cleaning and Security Services, Kabelo Jane, ba na le dikgwedi di feta thataro ba ntse ba itemogela mathata a dituelo, fela botsamaisi bo itshetse moriti o tsididi. 

“Re na le matshwenyego a mantsi ka komponi ya Diphetogo, gonne ga e dire se se maleba. Fa re tsaya dikgato mabapi le kgang e, ba re tshosetsa ka gore ba tla re koba mo tirong. Gape, gona le dipego tse di tlhageletseng tse di supang fa go na le motsamaisi mongwe o rekisang ditiro ka madi a kanang ka R1500. 

“Rona re na le bokai jo bo tletseng, mme gona le motho o a supileng fa a romeletse mongwe wa batsamaisi madi ao. Komponi ya Diphetogo e dula e sa re duele, mme e setse ele dikgwedi di ka nna supa re ntse re itemogela mathata a,” Jane wa tlhalosa. 

Are, fa ba botsa ba bolelelwa ka masepala. Jane are maswabi ke gore, ga ba na kgolagano epe le masepala. 

Moemedi go tswa kwa South African Private Security and Allied Workers Union (SAPSAWU), Thabo Tsimane are: “Badiri ba, ba na le nako e telele thata ba sa bone dituelo. Letsatsi la dituelo tsa bone ke di 31 tsa kgwedi enngwe le enngwe. Fela, matsapa ke gore fa ba tshwanetse ba duelwe mafelo a kgwedi engwe le enngwe, ba romelelwa dikitsiso tsa gore dituelo tsa bone di tla nna thari. 

“Jaaka o bona re dutse fa, re kopane le botsamaisi jwa Diphetogo ka Labobedi. Ba ile ba re tshepisa fa ba tsenetse kopano, mme dituelo di tla tsena gone ka Labobedi. Fela, dituelo tseo ga di ise di tsene.”

Ntsimane are go fitlha ga jaana, bontsi jwa badiri ba, ba kubilwe kwa ba hirileng madulo teng, gonne beng ba ditulo ba batla madi. Are gape, badiri ba ga ba na dijo, mme mothapi ene o batla ba boele tirong. 

“Jaaka o ba bona fa, badiri ba ba neetswe makwalo a go tshosediwa, mme ba tshepisiwa go kobiwa mo tirong fa ba sa boele tirong. Re tlhoka fela botsamaisi jwa Diphetogo bo tle go ikarabela mo pele ga badiri ba, fela ga ba bonale. 

“Diphetogo e kolota badiri ba dituelo tsa bone tsa go tsaya matsatsi a boikhutso. Ra itse gore gongwe le gongwe fa motho a tshotse matsatsi a boikhutso, o duelwa tuelo ya gagwe ya kgwedi. Fela, seo ga se diragale mo Diphetogo,” Tsimane wa tlhalosa. 

Tsimane are badiri ba bantsi ba lelekilwe.

Kgabagare, motsamaisi kwa setlamong sa Diphetogo Cleaning and Security Services, Neo Mothibedi, o kaile fa a se kitla a kgona go arabela magatwe a mo mogaleng. Mothibedi one a kopa ba Taung DailyNews, go kopana le ene kwa Vryburg mabapi le go arabela magatwe a.

Mothibedi are go tla nna thata gore a arabe mo mogaleng, mme a sena bopaki jo bo tletseng jwa gore o bua le babega-dikgang ba Taung DailyNews.

taungdailynews@gmail.com