Rramophato o a neng a isitse monna wa mosweu mophatong, o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga


Ka OBAKENG MAJE

Ba lelapa la ga rramophato, Otlhagile Diketso Maine (57) yo gape e ne ele ngaka ya setso, ba re loso la gagwe le ba tlogetse ba gamaregile. Go begwa fa Maine o ane a isitse mophato kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung mo ngwageng e e fetileng, a tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga mo tseleng ya R378 magareng ga motse wa Morokweng le Ganyesa fa masigo a Tshipi a ne asa.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, Maine le o mongwe wa ba palami, ba tlhokafetse mo kotsing e ya sejanaga.

“Go begwa fa Maine ga mmogo le bapalami bangwe ba ne ba tsamaya ka sejanaga sa modiro wa van fa mokgweetsi a ne a leka go efoga dipitsi tse di neng di le mo tseleng. Fela, mokgweetsi o ile a latlhegelwa ke taolo.

“Go begwa fa van eo, ene ya menoga mme Maine le mongwe wa bapalami ba ile ba latlhegelwa ke botshelo. Batho ba le babedi ba ile ba rwalelwa kwa bookelong ka dikgobalo tse di masisi. Kgetsi ya polao ntle le maikaelelo e butswe, mme dipatlisiso di tsweleletse,”

Go begwa fa Maine a ne a tsamaya le morutwana wa gagwe wa motho mosweu, Eddie Jones. Fela go begwa fa Jones a robegile maoto a le mabedi, mme o ile a rwalelwa kwa bookelong jo bo gaufi.

Kgaitsadie Maine wa losika, Boipelo Kumang are Maine ene ele motho yo o bonolo, mme a na le tirisano-mmogo ka dinako tsotlhe. Kumang are le fa ba godile le Maine, ene o ne a le kwapelenyana ka dingwaga.

“Re godile le ene, mme one a ntshiya ka dingwang di le mmalwa. Re godile le ene sentle, mme ra itse gore la motho o godile le ene, mme fela fa a le mogolo mo go wena o ka se re o godile le ene, gonne ga wa tshameka le ene.

“Ene o ne a le mo tonnanyana mo go nna, ebile ele aubuti. Ga se re rulaganye ka dithulaganyo tsa phitlho. Re utlwa gotwe aubuti o ne a ile go tiisa lelapa lengwe kwa motseng wa Morokweng,” Kumang wa tlhalosa.

Kumang are jaanong kotsi eo, e diragala fa Maine le barutwa gagwe ba boa. Kumang are gone gona le motho mongwe wa sejanaga yo Maine aneng a mo thapile gore a mo ise kwa Morokweng.

“Go begwa fa mong o wa koloi ane a iphanya ka nnotagi, mme go begwa fa ele ene a tlhotseng kotsi ya sejanaga. Go begwa fa gape ane a na le kgarebe foo, mme ba ne ba iphanya botlhe. Go tlhokafetse aubuti, le lekgarebe leo ga mmogo le ngwana wa mangwane wa gagwe,” Kumang wa tlhalosa.

Kgabagare, Modula-setulo was Traditional Health Practitioners (THP), Moelegang Magano o kaile Maine jaaka motho o neng ana le tirisano-mmogo. Magano are ba dirile thata le Maine, mme le fa gone gona le bothata mo Taung, one a leka go nna karolo ya go rarabolola bothata jo.

Magano are o dirile le Maine fa gone go tlhapisiwa kwa Dikgageng ga mmogo le go timela ga motho kwa motseng wa Modimong.

taungdailynews@gmail.com