
Ka OBAKENG MAJE
10 Sedimonthole 2025- Ba lelapa la ga Othusitse Nini Mocwiri (39) wa kwa dipolasing tsa matlhotsana, gaufi le Schweizer Reneke, ba re ba belaela fa morwa wa bone a bolailwe. Se, se tla morago ga gore setopo sa ga Mocwiri se bonwe kwa nageng.
Go begwa fa Mocwiri a ile a amogela mogala go tswa go mongwe wa tsala ya gagwe kwa polasing e gaufi gore a ye go tsaya nama ya kgomo. Go begwa fa Mocwiri a ile a adima setobetobe (bycicle) ya mongwe go ragogela kwa polasing eo.
Fela, go begwa fa a sa boela gae ka lone letsatsi leo. Go begwa fa kgarebe ya gagwe, e ile ya tlhobaetsega, mme ya leba kwa tsaleng ya ga Mocwiri o neng a mo tshepisitse nama.
Mongwe wa ba lelapa, Tebogo Gabonewe, are lekgarebe la ga Mocwiri le ile la makadiwa ke gore fa a botsa tsala ya ga Mocwiri gore o mokapelo wa gagwe o kae, one a mo laela fa a tlhokafetse. Gabonewe are e ne ya re ka go makala, lekgarebe la ga Mocwiri la kokota gape, mme a botsa tsala ya ga Mocwiri gore o raya jang fa are o tlhokafetse.
“Ke fa monna yo, a tswa ka selepe, mme a mo lelekisa. Ka Tshipi, go ile ga tla mapodisi, mme ba ile ba tlhalosa fa ba se kitla ba ya go batla Mocwiri, mme bone ba tlile go tsaya pegelo (statement) fela. Morago ga gore mapodisi a tsamaye, baagi ba ile ba tsaya tshwetso ya go tswa letsholo mabapi e le go batlana le Mocwiri.
“E ne ya re fa baagi ba tswa, ba ile ba kopana le sejanaga sa sepodisi se sengwe, mme ba se emisa. Ba ile ba neela mapodisi ao kgang e, mme ba ile ba makala ka mokgwa o mapodisi a a neng a biditswe ba tshotseng kgang e botsatsa ka teng. Mapodisi a, ba ile ba kopa dinomoro tsa tsala ya ga Mocwiri, ga mmogo le mong wa polasi e go begwang fa Mocwiri a ne a ile go tsaya nama kwa go yone,” Gabonewe wa tlhalosa.
Gabonewe are baagi ba ile ba tswelela ka letsholo-patlo la bone, mme ga ba k aba bona sepe. Gabonewe are ka Labobedi, baagi ba ile ba tswelela ka letsholo-patlo la bone.
“Fela go ya ka dipego, ba ile ba fitlhela setopo sa ga Mocwiri se rapaletse mo tseleng. Baagi ba ile ba letsetsa sepodisi, mme se ile sa tla le go ba kopa gore ba se shupe ope ka monona ntle le bopaki. Sepodisi se ile sa tlhalosa fa se belaela fa Mocwiri a lomilwe ke noga. Ba forensiki ba ile ba fitlha le go tsaya setopo sa ga Mocwiri.
“Sepodisi se tlhalositse fa se tla ntsha pegelo ya morago ga loso. Ka Laboraro, ba losika ba ile ba amogela mogala yo o supang fa pego ya morago ga loso e shupa fa loso la ga Mocwiri e le la tlholego,” Gabonewe wa tlhatlhosa.
Fela Gabonewe are ka bokhutsane, balosika ga ba kgotsofalela ka mokgwa o sepodisi se tsamaisitseng kgetsi e ka teng.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Ee ke nnete sepodisi se a itse ka tiragalo e. Moswi o ile a begwa fa a timetse fa kgwedi ya Sedimonthole e tlhola letsatsi. Fela, setopo sa gagwe se ile sa bonwa mo letsatsing le le latelang kwa polasing nngwe.”