Kgetsi ya maiteko a kgothoso e butswe


Ka OBAKENG MAJE

17 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya maiteko a kgothoso. Se, se tla morago ga gore banna ba le bararo ba ba sa itsiweng, mme ba rwele dithiba-matlho (balaclava), ba leke go tsenelela monna mongwe le lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung ka ura ya bobedi mo mosong.     

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are tiragalo e, ke ya letsatsi la Mosupologo fa masigo asa. Manyoba are lekau le lekgarebe la gagwe, ba utlwile batho ba tsamaya-tsamaya mo jarateng, mme ba okomela ka letlhaba-phefo.

“Go begwa fa banna ba, ba ile ba leka go roba burglars ya kgoro ya bone. Fela, lekgarebe le, le ile la kua mokgosi. Mogolowe lekau le, o a neng a robetse kwa phaphosing e kwa ntle, o ile a tsoga le go ya go lekola seemo.

“Go begwa fa banna ba, ba ile ba inaya naga ka nngobo e sa fotlhwa. Sepodisi se butse kgetsi mabapi le maiteko a go kgothosa. Fela ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com