‘Tharabololo mo tlhokegong ya metsi e fitlheletswe’


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ka kakretso go ralala Taung, ba kaile fa ba nesetsa pula tharabololo mo ntlheng ya tlhokego ya metsi. Baagi ba, ba ne ba tsenetse kopano kwa dikantorong tsa kgotlha ya Batlhaping Baga Phuduhutswana kwa motseng wa Chiefscourt mo letsatsing la maabane. 

Baagi ba ne ba bolotsa mogwanto mo bekeng e fitileng, ba ikuela gore ba neelwe metsi. Baagi ba, ba ne ba gwantela kwa dikantorong tsa setlamo se se neelanang ka metsi sa Magalies Water. Gone ga dumalanwa ka kopano mo letsatsing la Mosupologo, ele go tla ka toga-maano ya tharabololo ya bothata jo. 

Modulasetilo wa Komiti Ya Tlhokego Ya Metsi Concerned Group, e ene e eteletse mogwanto kwa pele, George Mmapalentwa are: “Kopano ya rona e tsamaile bontle thata. Ebile jaaka baagi, re itumeletse tharabololo e re e fitlheletseng ga mmogo le Kgosi Tshepo Mankuroane 0le meyara kuduthamaga wa rona wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseothata Maje. 

“Go ya ka tshepiso ya Magalies Warer, ba kaile fa batla pompa metsi go tloga ka Mosupulogo le go fitlha ka Labotlhano gore baagi ba bone metsi. Go fitlha ga jaana, bontsi jwa metse e farologaneng e bona metsi go fitlha ga jaana.” 

Maje o kaile fa tharabololo mo e ba e fitlheletseng mo kopanong e, e tlile ka maungo a namatshang. 

“Go ya ka seemo se re fetileng mo go sone, ke tla re kopano ya rona e tsamaile sentle. Mme re fitlheletse tumalano le baagi gore re tlile go letlelela Magalies Water gore ba time metsi mo letsatsing la Labotlhano go tloga ka ura ya botlhano mo maitsiboeng, go fitlha ka letsatsi la Tshipi ka ura ya botlhano. 

“Seo se tlile go kgontsha Magalies Water go ka matlafatsa le go ntsifatsa metsi mo madutelong a rona. Go tloga ka letsatsi la Tshipi mo maitsiboeng, ba tla pompa metsi go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labotlhano,” Maje wa tlhalosa.

Maje are ba amogetse dipego tse di sa totobalang tsa gore, badiri ba Magalies Water ba na le seabe mo mathateng a ba itemogelang a tlhokego ya metsi. Fela, o kaile fa ba ese ba bone pegelo e e totobatsang seo. 

“Ga se re fitlhelele bonnete jwa kgang e. Fa go na le pegelo e e tshwanang le eo, re tla tsaya dikgato, gonne badiri ba Magalies Water ba thapetswe go neela baagi metsi, eseng sepe gape,” Maje wa tlhalosa. 

Kgabagre, Kgotsi Tshepo Mankuroane are ba itumeletse go bona tharabololo mo kgannyeng e ya metsi. 

taungdailynews@gmail.com