Baratani ba kwa Magogong ba ba neng ba thopilwe ka dikgoka ba bonwe


Ka OBAKENG MAJE

25 Diphalane 2025- Baratani ba go begwang fa ba ne ba thopilwe ka dikgoka, ba bonwe. Go begwa fa baratani ba, e leng Lesego Dorothy Tlhagodi ga mmogo le Phenyo Johannes Mothupi Sere, ba ile ba thopiwa ka dikgoka kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung mo mesong ya letsatsi la maabane.

Go ya ka dipego, batswasetlhabelo ba, ba itse babelaelwa ba ba ileng ba ba thopa ka dikgoka, fela ga gona ope o tshwereng go fitlha ga jaana. Go begwa fa Sere a ile a bona matsebe-tsebe a madi a Road Accident Fund (RAF).

Go begwa fa babelaelwa ba ile ba ba thopa ka dikgoka le go ba isa kwa sekgweng sengwe sa kwa motseng wa Maphoitsile. Go begwa fa babelaelwa ba ile ba tseela Sere madi a fetang R10 000 mo karateng ya gagwe ya banka ga mmogo le go mo amoga mogala wa letheka.   

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Ga gona ope o tshwereng go fitlha ga jaana.”

taungdailynews@gmail.com