
Ka KEDIBONE MOLAETSI
13 Ferikgong 2026- Banna ba le batlhano ba ba dingwaga di leng magareng ga 25 le 38, ba tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa go kgothosa lebenkele kwa motseng wa Reivilo ka Lamatlhatso. Go begwa fa banna ba, ba ile ba itatlhela ka lebenkele, mme ba shupa mong wa lone ka sethunya pele ga ba ka mo amoga madi a seatleng ga mmogo le dilwana dingwe.
Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are: “Banna ba, ba ile ba siela kwa Vryburg, fela sepodisi se ile sa ba baya marowa. Ba tshwerwe ka sethunya se se seng mo molao, ga mmogo le dilwana tse go belaelwang fa di utswilwe.
“Go begwa fa banna ba, ba setse ba tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane.”