
Ka OBAKENG MAJE
21 Ferikgong 2026- Moithuti (19) wa kwa sekolong se segolwane sa Bore kwa Ganyesa, gaufi le Vryburg, o lebagane le ditatofatso tsa maiteko a polao. Se, se tla morago ga gore moithuti o, go begwa fa a tlhabile boithuti jaaka ene wa dingwaga di le 19 ka sekere.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa baithuti ba, ba ile ba nna le nganyisano kwa sekolong. Van Rooyen are go begwa fa baithuti ba, ba ile ba tsweletsa nganyisano ya bone morago ga sekolo fa ba ne ba le mo tseleng ya go ya magaeng.
“Go begwa fa moithuti o, a ile a ntsha sekere le go tlhaba moithuti jaaka ene. Motswasetlhabelo o ile a rwalelwa kwa bookelong go bona thuso ya potlako morago ga go tswa dikgobalo.
“Go butswe kgetsi ya maiteko a polao, mme ga ise go tshwarwe ope go fitlha ga jaana. Fela dipatlisiso di a tswelela,” van Rooyen wa tlhalosa.