
Ka OBAKENG MAJE
9 Ferikgong 2025- Makolwane a feta 400 go tswa kwa mephatong e farologaneng kwa karolong ya Baga-Maidi, ba alogile ka letsatsi la Lamatlhatso. Makolowane a shelweng leina la Maboledisa Kgosi, ba rotloeditswe go itshwara sentle, mme ba sireletse morafe ga mmogo le kgosi.
Kgosi ya morafe wa Batlhaping Baga-Maidi, Nnyoko Motlhabane are o tletse boitumelo go bona makolwane a, a tlile a feletse, mme go sena ope o setse kwa morago. Gape Motlhabane o tlhomamisitse fa ele ene yo a sainileng dipampiri tsa gore mophato o tsene.
“Jaanong, ke fa go tla go tlhomamisa gore se re se dirileng rele bogosi ke se se siameng. Se ke se itumelelang ke gore re boile rotlhe. Le fa ka nako e mophato oneng o tsene, ga ise ke tsamaye ke amogele dingongorego.
“Re ne re beile melao e thata bagaetsho, mme ke itumelela gore e tlotlilwe. Re ile ra tlhalosa gore ga gona ope o tlile go isiwa mophatong ka nkane, ebile ga gona ope o tlileng go thobelang,” Motlhabane wa tlhalosa.
Motlhabane are fa ele gore go na le bothata magareng ga batsadi, gonne nako tse dingwe o fitlhele rre a batla go isa ngwana, mme mmagwe ngwana a gana, bogolo batsadi bao ba ka tla kwa kgotlheng go ka tla go thusiwa.
“Bagaetsho, gwa tshosa ebile re bone mo dikgannyeng kwa porofenseng ya Eastern Cape gore go tlhokafetse bana ba le 28. Fela rona ga re batle go bona dilo tseo mo Baga-Maidi gonne bana ba, ke bokamoso jwa rona, mme re tshwanetse gore re ba sireletse,” Motlhabane wa tlhalosa.
Kgabagare, motlatsa modusasetilo wa Provincial Initiation Coordinating Committee (PICC) mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Andries Stemmer are: “Le ile la dira jalo go tla mo go rona pele ga le ka tsamaya. Le ile la go tsenya kopo kwa bogosing gore la tlhatlhela. Moono wa letsatsi la gompieno ke go tla go leboga le go itumelela gore kgosi one a re rumile go ya go lwa ntwa, mme re tswa go bolaya tau ebile re boetse gae.
“Ga gona ope o setseng kwa morago, mme ke leboga bo rra mophato ba baneng ba tsamaile le bana. Jaaka PICC, ke tsaya tshono e, le go raya batsadi botlhe go ralala Bokone Bophirima ba bana ba bone ba ba sa kgonang go boa kere, re romela mantswe a kgothatso gonne ga re itse gore tsela e, e ka tswa e tlile gore khutlhisa kae.”
Stemmer are ba solofetse gore kamoso makolwane a, a tla tsoga a sireletsa kgosi le morafe wa gagwe. Stemmer are ga ba tshwanela go fetoga ditau tse di tlileng go tlhasela motse, mme molao ke sekgabo.