Dikemedi tse pedi kwa Tigerkloof di tla tswelela go dirammogo 


Ka OBAKENG MAJE 

13 Mopitlwe 2025: Mokhuduthamaga wa Lefapha La Thuto mono Bokone Bophirima, Viola Motsumi, are seemo se ritibetse kwa sekolong se se kopaneng sa Tigerkloof kwa Vryburg. Motsumi are ba kgonne go rarabolola mathata a ileng a tlhagisiwa ke lekgotlha-tsamaiso (School Governing Body) la sekolo kgatlhanong le maloko a Boto (Board of Directors). 

Ene ya re ka 2024, modulasetilo wa lekgotlhatsamaiso la sekolo kwa Tigerkloof, Dr George Balebe, a tlhalosa fa maloko a Board of Directors kwa sekolong, a itshona-tshona nko mo tsamaiso ya sekolo. Balebe one a bua se go tletse kwa kopanong ya makgotlha-tsamaiso a dikolo kwa Mmabatho Convention Centre kwa Mahikeng ka 2024. 

Se, se ile sa rotloetsa Motsumi go ka tlhama komiti eneng ya go batlisisa magatwe a.  

“Lefapha le ka netefatsa gore lekgotlha-tsamaiso la sekolo kwa Tigerkloof, le ile la tlhagisa matshwenyego mabapi le go itshona-tshona nko ga maloko a Board of Directors mo tsamaisong ya sekolo. Fela, o tla gopola botlhokwa jwa go kopanya dikemedi tseo tse pedi. 

“Jaaka lefapha, re tla netefatsa gore fa e sale gona le dikemedi tse pedi kwa sekolong eleng Board of Directors le lekgotlha-tsamaiso la sekolo (School Governing Body), fa e sale sekolo se tlhamiwa,” Motsumi wa tlhalosa.  

Fela Motsumi are, maikarabelo a dikemetsi tse pedi tse, a farologane. Motsumi are le fa go ntse jalo, dikemedi tse, di dira mmogo. 

“Go botlhokwa gore o itse gore sekolo sa Tigerkloof, se agilwe mo lefatsheng le le poraevete, mme seo ka bo sone, se dira gore go nne le kemedi ya Board of Directors. Go tlaleletsa mo go seo, diphaphosi tse baithuti ba dulang mo go tsone, le tsone ga se tsa lefapha. 

“Tirisano-mmogo e, e ile ya lebisa kwa dikatlegong tse di farologaneng. Seo, se akaretsa go golagana le ditheo tse di farologaneng go ralala lefatshe. Jaanong, lefapha le bone go le botlhokwa gore dikemedi tse pedi tse, di tswelele go dira mmogo, gonne maikarabelo a tsone a le botlhokwa,” Motsumi.

Motsumi are jaanong, Board of Directors e tla tswelela go dira kwa Tigerkloof, gonne e netefatsa fa go na le tsamaiso le lolame kwa sekolong. 

taungdailynews@gmail.com