Monna wa kwa Mokgareng o latofadiwang ka go bolaya motho o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga di le 32, o solofetswe go tlhagelela fa pele ga kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la Labobedi mabapi le ditatofatso tsa polao. Go begwa fa monnao, a tlhapile le go bolaya Tshiamo Bokote (27) ka thipa. 

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, o kaile fa tiragalo e e diragetse kwa lefelong le go rekisiwang nnotagi kwa go lone le le bidiwang 2BoB kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi fa masigo asa. 

‘Go begwa fa go ile ga tsoga nganyisano magareng ga moswi le molatofadiwa mo letsatsing la Tshipi fa masigo a sa teng kwa lefelong leo. Go ya ka dipego, molatofadiwa one a ntsha thipa le go bolaya Bokote kay one. 

“One a inaya naga, fela one a tshwarwa mo letsatsing la Mosupulogo fa ane a sasanka le mebila ya kwa Mokgareng. O solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la Labobedi, mme ene o lebagane le ditatofatso tsa polao,” Funani wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwerwe morago ga go bolaya Tshiamo Bokote kwa Mokgareng 