
Ka REGINALD KANYANE
22 Tlhakole 2025- Barui ba ba farologaneng go tswa mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ba ikuela go sepodisi go ka bolotsa ntwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo. Se se tla morago ga gore tona ya sepodisi, Senzo Mchunu, o rebotseng dipalo-palo tsa bosenyi mo letsatsing la Labone, a tlhalose fa porofense ya Bokone Bophirima, ele nngwe ya diporofense tse di tsweletseng go itemogela bogodu jwa leruo go ralala Afrika Borwa.
Mongwe wa barua-kgomo kwa motseng wa Tlapeng, o sa batleng leina la gagwe le itsiwe are: “Rena le bopaki jwa gore gona le segongwana se se dirisanang le batlhankedi bangwe ba sepodisi go utswa leruo.
“Maswabi ke gore, le fa re ba tlalea, ga go sepe se se dirwang. Re kopa gore mokhuduthamaga wa lefapha la tshireletso ya baagi ga mmogo le tsamiso ya dipalangwa mono Bokone Bophirima, Wessels Morweng, a tle ka toga-maano ya go lwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo, gonne jaanong magodu a utswa ka bodipa.”
Kgabagare, Morweng are bogodu jwa leruo ke nngwe ya matsapa a ba a itemogelang mo porofenseng. Morweng are, porofense ya Bokone Bophirima ke nngwe ya diporofense tse di tletseng ka metse-selegae.
“Jaanong gwa tlhaloganyesega gore e be e iphitlhela e le nngwe ya diporofense tse di itemogelang bogodu jwa leruo. Re tla gopola gore bontsi jwa baagi ba itshidisa ka leruo. Jaanong go botlhokwa thata jaaka puso gore re sireletse leruo la bone.
“Ke setse ke kopane le mokomishinara wa nama-o-sa-tshwere wa sepodisi mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, mme re dulamane gore di dika di le pedi eleng sa Ngaka Modiri Molema le Dr Ruth Segomotsi Mompati, entle le go tlodisa matlho di dika tse dingwe, di amegile thata,” Morweng wa tlhalosa.
Morweng are o tlile go kopana le dimasepala tse di farologaneng, ga mmogo le Lefapha La Temo-thuo le Tlhabolo ya Lefatshe, gonne ba lemogile fa mo leruo le bewang teng go sa siama.
“Bo nnete ke gore, ga nkitla re tlodisa matlho kgang ya gore bangwe ba batlhankedi ba sepodisi ba ka tswa ba dirisana le magodu a utswang leruo.
“Ke ka mo re tlileng go leka ka bojotlhe gore batlhakedi ba ba amegang ba otlhaiwa. Re tshwanelwa ke go dirisa mafaratlhatlha a setegenike a farologaneng go ka reba bosinyi jo,” Morweng wa tlhalosa.
Morweng are o tlile go nna le dikopano le barui ba ba farologaneng go ralala porofense.