Monna o tlhokofetse morago ga go thulwa ke sejanaga kwa tselakgolo ya N18


Ka KEDIBONE MOLAETSI

Sepodisi sa Taung se kaile fa se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo morago ga gore monna wa dingwaga di le 36 a thulwe ke sejanaga mo tselakgolo ya N18 gaufi le Rooiwal mo letsatsing la Tshipi. Go begwa fa mokgweetsi wa sejanga seo, a ile a tsena ka lenga la seloko morago ga tiragalo.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Van Rooyen are sepodisi se ile sa fitlhela moswi a rapaletse fa fatshe, mme mokgweetsi a ineile naga ka sejanaga.

“Sepodisi se ile sa fitlhela makgetlhe a sejanaga seo fela ga mmogo le moswi kwa lefelong la tiragalo. Kgetsi ya polao ntle le maikaelelo e butswe. Ga gona ope o setseng a tshwerwe go fitlha ga jaana.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a katswang ana le tshedimosetso mabapi le tiragalo e, go ka letsetsa sepodisi mo 08600 10111, kgotsa a itsise seitishene se se gaufi sa sepodisi,”

taungdailynews@gmail.com