
Ka KEDIBONE MOLAETSI
31 Mopitlwe 2025- Monna o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Schweizer Reneke mo letsatsing la kamoso mabapi le polao. Se se tla morago ga dipego tsa gore monna o, o ile a tlhaba mosadi wa dingwaga di le 33, ka thipa mo thamong ka di 30 Mopitlwe 2025.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are go begwa fa moswi a ne a tsamaya le mokapelo wa gagwe kwa mmileng wa Extension 6, kwa motse-setoropong wa Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, fa a ne a kgorogelwa ke mmelaelwa. Myburgh are go begwa fa mmelaelwa a ile a mo tlhaba ka thipa.
“Moswi o ile a rwalelwa kwa bookelong go ya go bona thuso ya potlako. Fela, o ile a tlhokafala moragonyana. Sepodisi se ile sa bilediwa kwa bookelong, le go batlana le mmelaelwa. Mmelaelwa o ile a tshwarwa.
“Mmelaelwa o tla tlhagelela ka boripana kwa kgotlha-tshekelo mo letsatsing la Labobedi. Dipatlisiso mo kgetsing e di a tswelela,” Myburgh wa tlhalosa.