
Ka REGINALD KANYANE
21 Phukwi 2025- Banna ba le bane ba dingwaga di le 19, 21, 22 ga mmogo le 33, ba tshwerwe morago ga magatwe a gore ba tshwere kgwebo poo kwa motseng wa Kgatlheng, gaufi le Taung. Go begwa fa banna ba, ba ile ba kgorogela mong wa lebenkele, mme ba mo shupa ka sethunya pele ga ba ka mo tseela madi a sa totobadiwang a seatleng, metsoko ga mmogo le dilwana tse di jaaka flash machine.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane are tiragalo e, ke ya letsatsi la Tshipi nako e le ura ya bo 9:30 mo mosong. Tselanyane are banna ba, ba ile ba inaya naga morago ga moo.
“Fela sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso, mme ba ile ba ba tshwara. Banna ba, ba lebagane le kgetsi ya go thuba kgwebo, fa o mongwe wa bone a tlile go lebagana le kgetsi ya go tshola sethunya. Ba tla tlhagelela ka boripana kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso,” Tselanyane wa tlhalosa.