
Ka OBAKENG MAJE
9 Tlhakole 2026- Lepodisi le le neng le se mo tirong le bolailwe ka go tlhabiwa ka sengwe se se bogale kwa motsesetoropong wa Utlwanang, gaufi le Christiana ka Lamatlhatso. Go begwa fa Sarasanta Christopher Lechuti (47) a ne a iketlile le mongwe wa lelapa fa mongwe wa batho ba ba neng ba itisitse kwa lefelong le le rekisang nnotagi a ne a raga lebotlolo la gagwe le le neng le tsentse nnotagi.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are go ile ga tsoga kgaruru magareng ga banna ba. Myburgh are Lechuti o ile a tlhabiwa ka sengwe se se bogale, mme a tabogisediwa kwa kliniking ya selegae.
“Fela, o ile a tlhokafala moragonyana. Sepodisi se ile sa bolotsa letsholo-patlo la diura di le 72 go batlana le babelaelwa. Mmelaela wa dingwaga di le 46 o ile a tshwarwa ka Lamatlhatso bosigo morago ga go ineela kwa sepodisi.

“Mmelaelwa (32) wa bobedi o ile a tshwarwa ka masa a letsatsi la Tshipi. Banna ba, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Christiana mo letsatsing la gompieno,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are Lechuti e ne e le karolo ya babatlisisi kwa seteisheneng sa sepodisi sa Christiana. Myburgh are kgetsi e, e tla batlisisiwa ke ba lephata la sepodisi la The Hawks.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General (Dr) Ryno Naidoo o rometse molaetsa wa matshidiso go ba lelapa le masika a moswi. Naidoo are o utlwisitswe botlhoko ka go latlhegelwa ke leloko la sepodisi ka mokgwa o botlhoko o.
“Seno se tlile go ama thata thebolo ya ditirelo. Re akgola babatlisisi ba ba kgonneng go tshwara babelaelwa. Seno se tla tlisa tshiamiso go ba lelapa.
“Baagi ba kopiwa go letsetsa sepodisi go 08600 10111 kgotsa ba ka dirisa App mo MySAPS. Baagi ba ka letsetsa nomoro ya 080 091 1011 fa ba batla go tsenya ngongora mabapi le dikgetsi tsa go batla madi ka pateletso go batho,” Naidoo wa tlhalosa.