Motlhankela wa sepodisi o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa go utswa leruo


Setshwantsho-papiso: Lepodisi le tshwerwe mabapi le bogodu

Ka OBAKENG MAJE

6 Moranang 2026 – Motlhankela (42) wa sepodisi sa Afrika Borwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Hartswater o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa go utswa dipudi kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung. Go begwa fa Sarasanta o, a direla lephata la matseka teng kwa seteisheneng sa sepodisi sa Hartwater, mme ka tsalo, a tswa kwa motseng wa Mokasa, mono Taung.

Go begwa fa mmelaelwa a tshwerwe ke ba babatlisisi ba kwa Kimberley Stock Theft and Endangered Species Unit (STESU) ba go begwang fa e le kgale ba mo tlhomile matlho sebakanyana morago ga go amogela dingongora tse di shupang fa a le dinalanyana.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa Kapa Bokone, Warrant Officer Molefi Shemane, motlhankela o wa sepodisi, o tshwerwe ka Labone. Shemane are mmelaelwa o, o solofetswe go rotola matlho fa pele ga kgotlhatshekelo ya Hartswater ka Labobedi.

Kgabagare, Mokomishinara wa nama-o-sa-tshwere wa sepodisi kwa Kapa Bokone, Major General (Dr) Thabo Mphuthi, are ke matlhabisa ditlhong go bona bangwe ba batlhankela ba sepodisi ba amega mo bogodung.

“Batlhankela ba sepodisi ba tshwanetse go direla baagi ka boammaruri le botshepegi. Go tlile go bolodiwa dipatlisiso tsa ka mogare kgatlhanong le motlhankela o wa sepodisi,” Mphuthi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.