Motlatsa-mokomishinara mo Bokone Bophirima, Patrick Asaneng o bonwe molato wa tsietso


Setshwantsho: Motlatsa-mokomishinara mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng     

Ka KEDIBONE MOLAETSI

23 Mopiltwe 2026 – Motlatsa-mokomishinara mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o bonwe molato wa tsietso ke kgotlhatshekelo ya Potchefstroom. Se, se tla morago ga gore Asaneng a dirise helikopotara ya sepodisi sa Afrika Borwa ntle le molao.

Go begwa fa Asaneng, a ne a tsaya helikopotara ya sepodisi go ya go tsenela tiragalo e e neng e diragala kwa lefelong la go vouta kwa motsesetoropong wa Ikageng kwa Potchefstroom ka ngwaga wa 2019.

Go begwa fa go tlogeng moo, Asaneng a ne a fofela kwa Mahikeng go ya go tsenela kopano le maphata a tshireletso a farologaneng. Fela, Asaneng one a isa papetlana e e shupang fa a dirisitse sejanaga sa gagwe sa tiro.  

Dipatlisiso tsa sepodisi di shupile fa ka nako eo, sejanaga seo se ne se ile go baakangwa. Jaanong, Asaneng yo go bontshang fa a lebagane le bokamoso jo bo letobo, o tla itse gore katlholo ya gagwe ke eng fa kgwedi ya Phukwi e tlhola matsatsi a le 20 le 21.

Kgabagare, mokwaledi wa uniyone ya POPCRU mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Johannes Dire, are ke kutlobotlhoko le matlhabisa-ditlhong go utlwa ka se se diragaletseng Asaneng. Dire are go fitlha ga jaana, ga ba na dintlha tse di feletseng.  

“Ga nkitla re bua kemo ya rona mo kgannyeng e go fitlha re utlwa gore mokomishinara wa sepodisi wa nama-o-sa-tshwere mo porofenseng, Lieutenant General Ryno Naidoo o tsaya tshwetso efe. Fela re dumela gore molao o tshwanetse ke go diragadiwa,” Dire wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.