Monna wa kwa nageng ya Nigeria o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le go tshola diritibatsi


Ka BAKANG MOKOTO

23 Mopitlwe 2026 – Monna wa dingwaga di 37 wa kwa nageng ya Nigeria, o solofetswe go tlhagelela ka boripana kwa Kgotlhatshekelo ya Vryburg mo letsatsing la gompieno. Monna o, go begwa fa a tshwere ka diritibatsi tse 5138 tsa mandrax le crystal meth, mme tsone di ka rekisiwa ka R51 300.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Mokaptein Majang Skalkie, are batlhankela ba sepodisi ba ile ba emisa monna o le go mo poruputsha fa ba ne ba tsweletse ka letsholo la bone la go reba bosenyi. Skalkie are batlhankela ba sepodisi ba ile ba fitlhela diritibatsi tseo go mmelaelwa, mme ba mo tshwara.

“Mmelaelwa o ile a isa sepodisi kwa a dulang teng, mme sepodisi sa fitlhela diritibatsi tse dingwe gape. Jaanong, monna o, o solofetswe go tlhagelela kwa Kgotlhatshekelo ya Vryburg mabapi le ditatofatso tsa go tshola le go dira ka diritibatsi,” Skalkie wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama-o-sa-tshwere mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Ryno Naidoo, o akgotse batlhankela ba sepodisi go nna pudi matseba ka di nako tsotlhe fa ba le mo tirong. Naidoo are go tshwarwa ga mmelaelwa, go shupa maikemisetso a a dirwang ke sepodisi mabapi le go lwa kgatlhanong le tiriso ya diritibatsi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.