Banna ba le bane ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao 


Setshwantsho: Moswi, Rapelang Robert Molale

Ka OBAKENG MAJE

19 Mopitlwe 2026- Banna ba le bane ba dingwaga tse di magareng ga 50 le 62, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso. Go begwa fa sepodisi se letse se tshwere mmelaelwa o mongwe gape, mme palo ya ba babelaelwa e eme go nne.

Go begwa fa babelaelwa ba, ba golaganngwa le kgetsi ya polao ya ga Robert Rapelang Molale wa kwa motseng wa Mothanthanyaneng mono Taung.

Go begwa fa Molale a ile a bolawa ke baagi ba motse wa Manthe mono Taung morago ga go latofadiwa ka go utswa leruo. Go begwa Molale a ne a tsewa le go ya go tsenngwa kwa metsing kwa molapong, mme a tlhokafala.

Tiragalo e, ke ya ngwaga o o fetileng. Babelaelwa ba tshwerwe mo letsatsing la maabane ke lephata la matseka a sepodisi kwa motseng wa Manthe.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, mokaptein Majang Skalkie are babelaelwa ba, ba lebagane le kgetsi ya polao.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.