Maribe o tlhopiwa jaaka meiraya o montsha


Setshwantsho: Meiyara o montsha Itumeleng Maribe ga mmogo le batshegetsi ba gagwe

Ka OBAKENG MAJE

9 Mopitlwe 2026- Khansele ya masepala o mogolwane wa Taung e tlhopile Itumeleng Maribe jaaka meiyara o montsha ka Laboraro o fetileng kwa ntlo-lehalahala kwa Depot Hall mono Taung. Maribe o ile a tlhopiwa jaaka meiyara morago ga gore meiyara wa nama-o-sa-tshwere, Thandiwe Sebe a itokolole mo tirong morago ga go laelwa jalo ke lekoko la gagwe la ANC.

Maribe are jaaka barongwa pusong go tswa kwa lekokong la ANC, ba amogela thomo nngwe le nngwe e ba e neelwang ke lekoko la gagabo. Are jaanong o amogela go tlhopiwa ga gagwe jaaka meiyara wa masepala o mogolwane wa Taung ka matsogo a le mabedi.

“Maikemisetso a rona ke go dira ka natla gore baagi ba bona thebolo ya ditirelo. O tla gopola gore lefapha le ke ntseng ke le neilwe jaaka mokhuduthamaga wa leloko la kantoro ya ga meiyara la mafaratlhatlha, re ntse re dira bontle mo go lone.

“Se segolo mo go sengwe le sengwe ke go buisana le baagi le go tlhaloganya dingongorego tsa bone. Bontsi jwa dilelo tsa baagi ke gore ga gona puisano magareng ga masepala le bone. Bontsi jwa nako re tla be re ya kwa imbizo, mme baagi ba rona ba be ba tlhagisa dingongorego tsa bone mabapi le thebolo e bokoa ya ditirelo,” Maribe wa tlhalosa.

Maribe are dikgwetlho tse dingwe ditlhoka mafapha a farologaneng. Maribe are ke ka moo ba tlileng go netefatsa fa go nna le tirisano-mmogo magareng ga masepala le mafapha a farologaneng.

“Re tsweletse go tla ka toga-maano le go buisana le mafapha a farologaneng go nna teng fa baagi ba tlhagisa matshwenyego a bone,” Maribe wa tlhalosa.

Molekgotlha wa lekoko la Patriotic Alliance (PA) kwa masepaleng, Mmoni Letele are: “O tla gopola gore lekoko la ANC ke lone le le nang le bontsi jwa balekgotlha kwa khanseleng. Jaanong ga ke bone gore sengwe le sengwe se ke tla se buang se tla dira phapang. Fela, re amogela go tlhopiwa ga ga Maribe, gonne o makgetlhonyana a nna meiyara wa nama-o-sa-tshwere fa meiyara wa maloba, Tumisang Gaoraelwe a seo.”

Fela molekgotlha wa lekoko la Democratic Alliance (DA) kwa masepaleng o, Sam Nape, are Maribe o tletse metshameko, mme ga tseye tlhopo ya gagwe tsia. Nape gape o latofatsa lekoko la ANC ka go tshameka dipolotiki tsa dikampa ka matshelo a baagi ba Taung.

“Ke metlae fela, ga mmogo le ditshwetso tsa lekoko la ANC. Go bua nnete, thebolo ya ditirelo ga se e e jesang diwela, fela go fetolwa di meiraya, gonne go batliwa go dira bogwene-gonwe,” Nape wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.