Masepala o mogolwane wa Taung o solofetswe go tlhopa meiyara o montsha


Ka OBAKENG MAJE

4 Mopitlwe 2026- Khansele ya masepala o mogolwane wa Taung e solofetswe go tlhopa meiyera o motsha mo letsatsing la gompieno. Khansele ya masepala e solofetswe go tsenela kopano e kgethegileng go ya ka Section 29 (1) of the Local Government Municipal Structure Act No 117 of 1998, kwa ntlo-lehalahala la morafe (Depot Hall) mo letsatsing la gompieno kwa Taung ka ura ya lesome kwa go solofetsweng go ka tlhopiwa ga meiyara o montsha magareng ga tse dingwe.

Go begwa fa meiyara wa ga jaana, Thandiwe Sebe, e ne e le wa nama-o-sa-tshwere morago ga gore lekoko la ANC mono porofenseng, le romele maina a le mararo kwa ntlo-kgolo ya lone kwa Luthuli House kwa Johannesburg, Gauteng, go ka tsenela diteko tsa go tlhopiwa jaaka meiyara. Go begwa fa maina a le mararo a rometsweng kwa ntlo-kgolo ya ANC kwa Johannesburg, Gauteng go seka-sekiwa ele la molekgotlha Mosetsanagape Mosinkiemang yo a ikarabelang ka ditiro tsa baagi (Community Services) mo komiting ya ga meiyara, molekgotlha Nonteto Tafani yo a ikarabelang ka ditirelo tsa kgwebo (Cooperate Service) go komiti ya ga meiyara, le molekgotlha Itumeleng Maribe yo a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha (Technical Services and Infrastructure) go komiti ya ga meiyara.

Jaanong, modula-setilo wa lekoko la ANC mono porofenseng, Nono Maloyi, o boleletse The Guardian Newspaper fa ba setse ba konoseditse diteko tseo tsa go tlhopiwa ga meiyara kwa masepaleng o mogolwane wa Taung le wa kwa Kagisano-Molopo kwa Ganyesa.

“O tla tlhaloganya gore pele ga re ka tsenya tirisong toga-maano ya rona, re tshwanetse gore re emele lefoko go tswa kwa kantorong ya Mokwaledi-Kakaretso, Fikile Mbalula. Jaanong, tshwetso ya go thapa meiyara o montsha kwa masepaleng o mogolwane wa Taung le wa Kagisano-Molopo kwa Ganyesa, e lobaka e konoseditswe.

“Re ntse re emetse lefoko fela go tswa kwa go Mbalula pele ga re ka tsenya tirisong ditshwetso tseo,” Maloyi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.