
Ka OBAKENG MAJE
12 Tlhakole 2026- Monna wa dingwaga di le 27 yo go begwang fa a ne a timetse, o fitlhetswe a tlhokafetse kwa molapong kwa Extension 5, mono Taung mo letsatsing la maabane. Go begwa fa moswi, Ofentse Daddy Puoeng a ne a begwa fa a timetse fa kgwedi eno ya Tlhakole e ne e tlhola matsatsi a le 10.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, rragwe moswi one a mo tlogela kwa lelapeng la bone fa kgwedi eno e ne e tlhola matsatsi a le 7, fela e ne ya re mo go boeng ga gagwe, o ile a fitlhela morwae a seo. Myburgh are rragwe moswi one a ya go bula kgetsi ya motho o timetseng ka Labobedi morago ga go lemoga gore morwae ga boela gae.
“Sepodisi se ile sa bolotsa letsholo-patlo mabapi le go timela ga ga Puoeng. Ka maswabi, setopo sa ga Puoeng se se neng se kokobetse mo godimo ga metsi, se ne sa bonwa ke mofeti ka tsela.
“Go ile ga itsisiwe sepodisi ga mmogo le ba thuso ya potlako. Setopo se ile sa ntshiwa mo metsing, mme gwa lemogiwa fa e le sa ga Puoeng,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are go fitlha ga jaana, sepodisi ga se belaele fa go ka tswa go nnile le letsogo la tshwene mo lesong la ga Puoeng. Myburgh are kgetsi ya morago ga loso e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse.
taungdailynews@gmail.com