Lekgarebe le shetse mo mokhukhung kwa Matolong


Ka OBAKENG MAJE

22 Ferikgong 2026- Lekgarebe la dingwaga di le 19, le shetse mo mokhukhung kwa Matolong Ext, gaufi le Taung. Go begwa fa lekau la kekgarebe le, le ile la mo tlogela mo mokhukhung go ya go kopana le ditsala tsa gagwe, fela ene ya re mo go boweng ga gagwe, one a fitlhela lekgarebe la gagwe le shele lore-lore mo teng ga mokhukhu wa bone.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse mo letsatsing la maabane mo mesong.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati District, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Go butswe kgetsi ya morago ga loso, mme dipatlisiso di a tswelela.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.