
Setshwantsho-papiso: Bojalwa jo bo itiretsweng
Ka OBAKENG MAJE
19 Ferikgong 2026- Batho ba le babedi ba tlhokafetse kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung morago ga go nwa bojalwa jo bo itiretsweng. Go begwa fa bojalwa joo, bo belaelwa fa bo ne bona le botlhole.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati District, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are monna wa dingwaga di le 50, o ile a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo, fa mosadi wa dingwaga di le 60, a ile a tlhokafalela kwa bookelong jwa selegae.
“Dipoelo tsa morago ga loso di tla supa gore go diragetseng mabapi le maso a batho ba babedi ba. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” van Rooyen wa tlhalosa.