Bana ba le bararo ba thudilwe ke sejanaga


Ka REGINALD KANYANE

13 Ferikgong 2026- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se, se tla morago ga gore mokgweetsi wa sejanaga se se tshweu ka mmala (van) a thule bana ba le bararo gaufi le borogo kwa motse wa Kolong ka letsatsi la Tshipi. Go begwa fa bana bao, ba na le dingwaga di le 11, 15 ga mmogo le 12.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, mosetsanyana wa dingwaga di le 11, o ile a latlhegelwa ke botshelo kwa lefelong la kotsi, fa batswasetlhabelo ba bangwe ba ile ba rwalelwa kwa bookelong jwa selegae go bona thuso ya potlako morago ga go bona dikgobalo tse di masisi. Myburgh are go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga seo e leng Orapeleng Moroke go tswa kwa motseng wa Kokomeng mono Taung, a ile a tlhabiwa ka sengwe se se bogale ke mongwe wa baagi o neng a shakgetse go utlwala.  

“Mokgweetsi o, le ene o ile a amogelwa kwa bookelong. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, fela dipatlisiso ditsweletse,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.