
Ka OBAKENG MAJE
26 Sedimonthole 2025- Baagi ba kwa motsesetoropong wa Huhudi, gaufi le Vryburg, ba re ba makaditswe ke go bona molwetsi yo o neng a apere diapara tsa kwa Taung District Hospital a kaola-kaola le mebila mo letsatsing la keresemose. Baagi ba, ba tlhalositse fa monna o, a ne a sa bue sepe se se dirang tlhaloganyo, mme go bontsha e le motho a sa tseye sentle mo tlhogong.
Mongwe wa baagi o sa batleng leina la gagwe le itsewe are: “Re ile ra makala thata go bona se se diragala. Fela, re makaditswe ke gore molwetsi o, one a apere diapara tsa bookelo jwa kwa Taung, mme a le mo Vryburg. Re ile ra letsetsa sepodisi gore molwetsi o, a bone thuso.

“Dipatlisiso di shupa fa molwetsi o, a tshabile kwa bookelong jwa Joe Morolong mono Vryburg, kwa a neng a amogetswe teng. Re ikuela go balaodi ba bookelo go netefatsa fa balwetsi ba sireletsegile kwa maokelong. Ga go kgonagale gore molwetsi a tshabe kwa bookelo, mme go se nne le ope o rwalang maikarabelo.”
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Boitekanelo mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Tebogo Lekgethwane are, lefapha le ile la dira dipatlisiso, mme go bontsha fa molwetsi o, a tshabile kwa bookelong jwa Joe Morolong Memorial Hospital kwa Vryburg. Lekgethwane are go bontsha fa molwetsi o, a tshabile fa nako e ne e ka nna metsotso e le lesome morago ga ura ya bobedi mo motshegareng.
“Ditsela tse di maleba di ile tsa latelwa go ka itsise ba lelapa la molwetsi o, mabapi le go tshaba ga gagwe kwa bookelong. Sepodisi se ile sa netefatsa fa molwetsi o, a boela kwa bookelong ka tshireletsego le go tswelela go amogela kalafi.
“Molwetsi o, o amogetswe kwa lephatheng la batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong, mme ga nkitla re kgona go ntsha tshedimosetso e e fetang eo mabapi le botlhoko jwa gagwe e le go mo sireletsa. Bookelo bo boloditse dipatlisiso tsa ka mogare mabapi le go tshaba ga molwetsi o kwa bookelong,” Lekgethwane wa tlhalosa.
Lekgethwane are dipatlisiso di tla shupa gore go diragetseng gore molwetsi o a tshabe kwa bookelong. Lekgethwane are seo se tla ba thusa gore ba netefatse fa balwetsi botlhe ba sireletsegile ka dinako tsotlhe kwa bookelong.
“Tshedimosetso e e feletseng, e tla buisanelwa le batsaya-karolo botlhe ga mmogo le ba lelapa la molwetsi o,” Lekgethwane wa tlhalosa.