
Ka OBAKENG MAJE
23 Sedimonthole 2025- Monna wa dingwaga di le 29 o tshwerwe mabapi le polao kwa motseng wa Kgomotso, gaufi le Taung. Go begwa fa mmelaelwa o, a ile a ya kwa mong wa lebekele le le gaufi le kwa go bonweng setopo teng ka letsatsi la Mosupulogo mo mosong, mme a fitlha a kopa dibokoso gore a fise matlakala.
Go begwa fa mong wa lebenkele yo e leng motswa-kwa, a ile a mo latolela fa a sena dibokoso.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are e ne ya re moragonyana, mong wa lebenkele o ile a ntsha matakala go ya go a fisa, fela o ile a makadiwa ke go bona molelo o tuka kwa go fisiwang matlakala gone. Van Rooyen are mong wa lebenkele o ile a bona setopo sa motho, mme a letsetsa sepodisi.
“Sepodisi se ile sa goroga kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela setopo se se sheleng sa ga Silara Sebeela (35). Dipatlisiso tsa go sa le gale, dishupa fa mmelaelwa a ile a fitlhelwa ka dilwana tsa moswi mo go ene. Mmelaelwa o ile a tshwarwa le go latofadiwa ka polao.
“Mmelaelwa o solofetswe go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Kgomotso ka Laboraro,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, modulasetilo wa lekoko la ANC kwa kgorwaneng ya bo 20, Itumeleng Maribe, are ba tshositswe ke tiragalo e. Maribe are moswi o bolailwe setlhogo a be a fisiwa.
“Re akgola sepodisi morago ga go tshwara mmelaelwa mo tiragalong e. Jaaka lekoko, re kgala ka bogale tiragalo e, mme re romela molaetsa wa matshidiso go ba lelapa, balosika le ditsala ba moswi. Re rata go rotloetsa sepodisi go tswelela ba dire tiro e ntle, gape re ikuela go baagi go ema seoposengwe kgatlhanong le bosinyi jo bo diragalang mo motseng wa rona,” Maribe wa tlhalosa.