Kgetsi ya go rulaganya polao e butswe  


Ka OBAKENG MAJE 

8 Sedimonthole 2025- Ba lelapa ba rrakgwebo o a itsegeng mo porofenseng ya Bokone Bophirima yo o bolailweng, Wandile Bozwana, ba butse kgetsi ya go rulaganya polao (conspiracy to commit murder) kgatlhanong le bo rra dipolotiki ba le babedi mono porofenseng ya Bokone Bophirima. Go begwa fa ba lelapa ba latofatsa tonakgolo ya pele ya porofense ya Bokone Bophirima ga mmogo le meiyara wa pele wa Rustenburg, ka go tsaya karolo mo go rulaganyeng polao ya ga Bozwana.    

Benedict Bozwana, yo eleng mogoloe Wandile, o boleletse SABC News gore ba butse kgetsi kgatlhanong le bo rra dipolotiki bano. Benedict are ba tlhaloganya gore go na le batho ba ba tshwerweng ba be ba atlholelwa dingwaga di le 30 kwa kgolegelong mabapi le go bolaya Wandile. 

“Fela, batho ba e leng bone ba rulaganyi ba polao, ba sentse ba sasanka le mebila ntle le go tshwarwa. Jaanong, ke utlwile gotwe bangwe ba ba neng ba thapilwe go bolaya Wandile, ba ikemiseditse go ka bua gore ba ne ba romilwe ke bo mang. Fela, go sentse go le thari, gonne ba setse ba atlhotswe,” Bozwana wa tlhalosa. 

O mongwe wa ba lelapa, Thabang Kotsedi, are ba tshwere ditlankana tse iseng di batlisisiwe go fitlha ga jaana. Kotsedi are gape ba tshwere bopaki jwa Section 205, jo bo ileng jwa ntshiwa ke mongwe yo eneng e le karolo ya setlhopa se se neng se rulagantswe go ka bolaya Bozwana. 

“Setlhopa seo, ke se se tsweletseng go thapiwa mo porofenseng go ka bolaya bo rra dipolotiki ba ba farologaneng. Setlhopa se, ga e sale se le teng go simolola ka ngwaga wa 2012. O tla gopola gore bo rra dipolotiki ba tshwana le bo Moss Phakoe, Happy Serungwane, Kabelo Nonyane le ba bangwe ba ile ba bolawa,” Kotsedi wa tlhalosa.

Ba lelapa ba re go ile ga ntshiwa makwalo a go tshwarwa kgatlhanong le bo rra dipolotiki ba, fela a ile a gogelwa kwa morago ka ntlheng ya go itshona nko ga dipolotiki. 

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Ke nnete go butswe kgetsi ya go rulaganya polao kgatlhanong le bo rra dipolotiki ba le ba bedi mo porofenseng, mme dipatlisiso di tsweletse.”

Bozwana o ile a thuntsiwa le go bolawa fa o fapoga tsela ya Garsfontein kwa Pretoria. Go begwa fa Bozwana a ne a setswe morago go tloga kwa Sandton. 

Bangwe ba dumela fa polao ya ga Bozwana e tlhotlheleditswe ke ntwa magareng ga gagwe le porofense ya Bokone Bophirima mabapi le konteraka ya R30 million. 

Kgabagare, mogwebi wa kwa Pretoria, Vusi ‘Khekhe’ Mathibela, Sipho Patrick Hudla, Matamela Robert Mutapa ga mmogo le Bonginkosi Paul Khumalo, ba ile ba tshwarwa le go atlholelwa dingwaga di le 30 kwa kgolegelong mabapi le polao ya ga Bozwana. Ba atlholetswe polao e rulagantswe morago ga go bolaya Bozwana ka ngwaga wa 2015, ga mmogo le maiteko a polao morago ga go thuntsa modiri-mmogo wa ga Bozwana, eleng Mpho Baloyi. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.