
Ka OBAKENG MAJE
3 Sedimonthole 2025- Mokgatlho wa ditekesi mono Taung wa Greater Taung United Taxi Association (GTUTA) o tlhalositse fa loso la ga Mpho Monchonyane (58) le ba tlogetse ba iphotlhere. Go begwa fa Monchonyane ga mmogo le modisa (39) wa gagwe ba ile a thuntsiwa ke batho ba ba sa itsiweng kwa morakeng wa gagwe kwa motseng wa Letlhapong.
Go begwa fa ditopo tsa banna ba, di bonwe mo letsatsing la Tshipi mo mosong, mme di na le dintho tsa go thuntsiwa.
Sebueledi sa mokgatlho wa GTUTA, Oarabeng Plaatjie are loso la ga Monchonyane le ba robile dipelo. Plaatjie are ga ba kgone le go amogela loso la modiri ka bone, mme ba ipotsa gore go rileng.
“Go fitlha ga jaana, ga se re itse gore sebakwa sa gore Monchonyane a thuntsiwe le go bolawa ke eng. Ke fela gore ka boripa, re dula ka letshogo mme re ipotsa gore go latela mang fa ele gore dipalo tse di ka tswa di golaganngwa le ditekesi, fela ga re dumele.
“Ga re dumela thata gore dipolao tse di ka tswa di golaganngwa le ditekesi. Monchonyane ene le motho o boikobo, mme re dira le ene sentle. One a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho ebile a reetsa. Ene e se motho o neng a na le dilo tse dintsitsi, mme a le bonolo. Monchonyane ene ele modulasetilo wa tsela ya Randfontein ga mmogo le Klerksdorp,” Plaatjie.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi sa Afrika Borwa mo porofenseng ya rona ya Bokone Bophirima, e a itse ka tiragalo e. Sepodisi kwa Taung se boloditse dipatlisiso mabapi le go thuntsiwa le go bolaiwa ga banna ba le babedi ba dingwaga tsa 58 le 39, kwa morakeng kwa motseng wa Letlhapong.
“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Fela dipatlisiso di tsweletse. Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso go ka letsetsa sepodisi go nomore ya mogala ya 08600 10111 kgotsa go ka etela seteishene sa sepodisi se se gaufi.”