Setopo se se neng se setse se senyegile se bonwe kwa mmileng


Ka BAKANG MOKOTO

26 Ngwanatsele 2025- Sepodisi kwa Lichtenburg se ikuela go baagi go ba thusa go batlana le balosika la mosadi o sa itsiweng. Se, se tla morago ga gore setopo sa mosadi o, se se neng se setse se senyegile, se bonwe kwa mmileng wa Lichtenburg/Mahikeng gaufi le mmila wa Kapsteel.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adéle Myburgh are go begwa fa moswi a ne a apere sekipa se sentsho ga mmogo le borokgwe jwa masole. Myburgh are setopo seo, se bonwe ka ura ya bobedi mo motshegareng ka Labobedi.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso ya gore moswi e ka tswa e le mang a letsetse mmatlisisi wa kgetsi eleng Constable Selina Olifant mo dinomoreng tsa mogala tsa 061 102 9246 kgotsa a ka letsetsa seteishene se se gaufi sa sepodisi. Gape a ka letsetsa dinomoro tsa sepodisi tse di thibelang bosinyi tsa 08600 10111,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.